Breaking News

Shegotja molelo se gorogile kwa Mabutsane

12 Sep 2017

Motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente, Mme Gladys Kokorwe o kgothaditse maloko a mokgatlho wa Shegotja Molelo go tswelela ba dira ka natla go tlhabolola matshelo a bone le a Batswana ba bangwe. 

O buile jalo jaaka a ne a simolodisa semmuso lekalana la mokgatlho oo kwa Mabutsane ka Matlhatso. Mokgatlho wa Shegotja Molelo o simologile ka ngwaga wa 2007, ka maikaelelo a go tsosolosa seriti sa bomme gore ba kgone go ikemela ka dinao go lwantsha lehuma. 

O supile kgolo mo dingwageng jaaka o ne wa simolola go akaretsa le borre, gammogo le go atolosa maikaelelo gore o kgone go thusa le ba ba dikobo dikhutshwane mme e se maloko a mokgatlho. 

Mme Kokorwe a re o ba akgolela go bo e rile mo tsamaong ya nako, ba akaretsa borre ka jaana le bone ba na le dikgwetlho tsa lehuma. 

“Ke lebogetse thata gore le mororo le simolotse le le bomme fela, le feletse le akaretsa borre ka jaana tota lehuma ga le na bong, tlala ga e na bong, ka jalo rotlhe re tshwanetse ra tshwaragana go tokafatsa itsholelo ya rona.” 

O ba rotloeditse go tswelela ba tswa ka megopolo e e ka godisang setshaba gore kgabagare matshelo a batho a tokafale. 

A re ba dirise megopolo eo go direla mokgatlho madi gore kwa pheletsong ba nne bagwebi ba ba nang le bokgoni jwa go beeletsa mo dikgwebong tse ditona tse di ka ba godisang go ya pele. 

Mme Kokorwe o boile a kgothatsa maloko a mokgatlho oo gore ba inaakanye le maranyane a sesha jaaka mokgatlho wa bone o tsweletse ka go gola. 

A re ba itlhatlhelele ka dikitso tse di rileng tse di ka thusang go tsamaisa mokgatlho le go o godisa. 

Moeteledipele wa mokgatlho oo, Mme Goleba Mokwena a re ba gwetlhilwe ke go bona letlhoko la bomme, ka jalo ba tswa ka mogopolo wa gore bomme ba itsose. A re maikaelelo a bone ke go thusa puso go lwantsha lehuma le go tokafatsa matshelo a Batswana. 

Mme Mokwena a re e re ntswa bomme ba na le bokgoni, ba ne ba itemogela fa ba santse ba na le dikgwetlho tsa go ipelaela, go inyatsa le gone go tlhoka go itshepha. 

A re ka jalo ba ikaelela go busetsa seriti sa bomme gore ba nonofele go itirela. 

O tlhalositse fa gape ba tsweletse ka go thusa ba ba dikobo dikhutshwane ka dikgwebo di tshwana le dimausu, dijo, diaparo gammogo le go abela bana paka ya sekole. 

A re e rile mokgatlho o tsweletse o gola, ba bona go le botlhokwa gore ba tsene mo botsalanong le banka ya BBS le First Sun Insurance go tokafatsa ka fa ba bolokang madi ka teng. 

A re ba setse ba kgonne go bewa setsha sa ofisi kwa Letlhakeng ka jalo ba kopa thotloetso mo setshabeng gore ba kgone go aga ofisi eo. 

E ntse e le kwa tshimolodisong semmuso ya lekalana la Mabutsane, mokgatlho wa Shegotja Molelo o ne wa abela batho ba kgaolo eo ba le bararo dihutshane di le masome mararo tse di lopileng P33 000.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : MABUTSANE

Event : tlhabololo matshelo

Date : 12 Sep 2017