Breaking News

Ba Matlapana ba shakgaletse madirelo a Isaland Safari

11 Sep 2017

Banni ba kgotla ya Matlapana mo kgaolong ya Maun ba supile matshwenyego ka go tlhoka tirisanyo mmogo le mogwebi mongwe wa bojanala wa madirelo a Isaland Safari Lodge.

Banni bao, ba ba neng ba jele magala kwa phuthegong ya kgotla, ba boleletse jalo lekoko la bogogi jwa Ngamiland le le neng le tsile go reetsa kgang ka maikaelelo a go e rarabolola gore mogwebi yoo o ngomgorega ka dikgomo tsa bone tse a reng di a mo senyetsa ka jaana di tlhagala mo lefelong la kgwebo ya gagwe.

Mogwebi yoo go boletswe fa a ngongorega gape ka modumo o o bakwang ke ditloloko tsa dikgomo ga mmogo le mekoro e e fetang fa madirelong a gagwe a a gaufi le noka ya Thamalakane.

Mongwe wa banni, Rre Oarabile Johannes o ne a bua a sa kgale mathe a re go tlhabisa ditlhong gore e re mogwebi yoo a na le kgang a bo a sa ikuele mo bogosing jwa Goo- Tawana mme a ise kgang kwa ofising ya ga Tautona.

A re o dumela fa ikuelo e ka bo e dirilwe pele mo bogosing jwa motse gore mongongoregi a kopanngwe le bao ba ba amegang.

O boletse fa ene a bona go sena kgang ka jaana noka e dirisiwa ke batho botlhe.

O ne a botsa gore a mogwebi o ne a dira ditshekatsheko (Environmental Impact Assessment) pele ga a simolola tlhabololo kana kago, ka jaana o k abo a lemogile fa dikgomo tsa kgaolo di nwa mo nokeng.

Rre Johannes o ne a kgala mogwebi yoo a re se a se dirang ke go ba kgokgontsha mme a kopa mogwebi yoo gore a seka a itebelela a le nosi mme lebelele le bone batho ba a ba fitlhetseng mo tikologong.

Rre Boitumelo Mooketsi o tlhalositse fa setlhako se fisa morwadi, a tlatsa ka gore ka bone ba tshela ka kgomo le phologolo, mogwebi yoo a tswe ka mogopolo wa gore ba ka tshela jang mmogo go sena dikgogakgogano.

A re fa ba sa tle ka tharabololo, kgang e eo e tlaa tsala dintwa, a tlatsa ka gore o a ga kgamala ka jaana madirelo a Island Safari a tswa kgakala a le mo kgaolong ya bone mme go ntse go rena kagiso le thitibalo. A re go hema dikgang, a mogwebi a teratele madirelo a gagwe.

Rre Petros Hange o tlhalosiste fa mogwebi yoo a sa ngongorege fela ka dikgomo le modumo mme a supile gape gore ga a batle batho gaufi le madirelo a gagwe.

Fela jaaka dibui tse dingwe o ne a supa fa mogwebi yoo a batla go ba kgokgontsha, a tlatsa ka gore o setse a bolaile dikgomo dingwe tsa bone mme ga ba a ka ba mo tseela kgato epe.

A re medumo ya mekoro e dirwa ke bone bagwebi ba bojanala.

Fa a tswa la gagwe, mogwebi yoo, Rre Shawn Watson o ne a kopa banni go tlhokomela leruo la bone bogolo jang dikgomo tse a reng di a mo senyetsa e bile di tlhodia bajanala.

A re bajanala ba lela ka modumo le ntswa ba etela mono go tla go ikhutsa go sena sepe se se ba itayang tsebe, a tlatsa ka gore gompieno jaana ba bona go le botoka go fetela kwa makgobokgobong ba sa lale mo Maun ka ntlha ya modumo wa leruo le le gobeyang gongwe le gongwe le sa tlhokomelwe.

Rre Watson o boletse fa a filwe lefelo semmuso ke lekgotla la kabo-ditsha jaaka Motswana ka 1998, a tlhalosa fa a setse a tsentse terata ga tlhano mme a supa fa e senngwa ke dikgomo fa beng ba tsone bone ba thubile kobo segole.

O tlhalositse fa ba lephata la diphologolo makgabisa naga ba mo duela phimolo keledi fa ditlou di kgaotse terata ya gagwe mme a kgone go e baakanya.

E ne e rile go le pele kgosi Tshupegetso Bontsibokae a kopa batho ba Matlapana gore ba seka ba tsaya kgang eo ka mafatlha ka jaana ba ka sitega go bona tharabololo.

Molaodi wa kgaolo, Rre Keolopile Leipego o ne a gatelela mafoko a ga kgosi ka go ba kopa go diga maikutlo le go nna le mowa wa tirisanyo gore ba kgone go rarabolola kgang. O ikuetse mo morafeng go ikuela mo bogoging jwa kagolo fa go na le se se sa ba itumediseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MATLAPANA

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 11 Sep 2017