Boora Phakalane ba otlolola letsogo
11 Sep 2017
Rre Mothokomedi Othoilwe yo o tshelang ka bogole o sa tswa go abelwa ntlo ya kamore e le nngwe, e e agilweng ka P22 947 mo Letlhakane.
E rile a bua kwa tirong ya go aba ntlo eo, mothusa modulasetilo wa khansele ya legare yo gape e leng mokhanselara wa Letlhakane Botlhaba, Rre Ketshwereng Galeragwe o supile fa tiro e e dirilweng ke borra Phakalane e se selo sese motlhofo.
Rre Galeragwe a re Rre Steve Phakalane o supile mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko, ka e le tsone di mo gwetlhileng gore a dire tiro ya mofuta o. A re go dira tiro e ga go reye gore motho o aba a nna le madi a mantsi, a re o solofela gore batho ba bangwe batla ithuta mo go bone.
Rre Galeragwe a re Rre Phakalane o dirile ditso, e bile o arabile mokgosi wa ga Tautona wa lenaneo la go agela batho ba ba tlhokileng lesego matlo.
A re ntlo e, e tlaa balelwa mo matlong a a agetsweng batlhoki.
Rre Galeragwe a re ntlo e fa motho serite, a tlatsa ka gore fa motho a sena bonno jo bo siameng, ga nne le serite ka jalo a lebogela mpho e.
Rre Phakalane o boletse fa a kopanye le Rre Othoilwe ka 2005, ba tshela mmogo a mo tsaya jaaka monnawe kana ngwana wa gagwe.
Rre Phakalane a re ba ne ba mo thusa ka tsele le tsele, mme ya re ngwaga ono ba tswa ka moono wa gore ba mo direle sengwe se se tona e bile e le sa sennela ruri.
A re ke kamoo ba mo agetseng ntlo gore e re le mogang ba kgaoganang le ene a sale a ba gopola ka yone.
E rile a tswa la gagwe, Rre Othoilwe a supa fa a lebogela lorato le borra Phakalane ba le mo fang, a tlhalosa gore o kgona go tsamaya le bone kwa gaabo.
O tsweletse a re gompieno o bone ntlo ka bone.
E rile a lebogela mpho e, mmaagwe Mme Rabecca Thapalalo a re o leboga borra Phakalane go bo ba ratile ngwana wa gagwe ka seemo sa gagwe.
A re o lebogela mpho ee abetsweng ngwana wa gagwe, a re ga ana mafoko a kalo fa e se boitumelo fela, a tlatsa ka gore modimo ke ene a segofatsang matsogo a bone ka jaana gotwe go sego letsogo le le abang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : LETLHAKANE
Event : Kabo ya Ntlo
Date : 11 Sep 2017






