Breaking News

Bogodu jwa dijojo kwa Disaneng bo ile magoletsa

11 Sep 2017

Mogolwane wa mapodisi mo Maun, Rre Motlhaba Ramaabya a re magodu a simolotse methale e mesha ya go utswa dijojo kwa kgotleng ya Disana II.

A re magodu a, a itebagantse le dijarata tse e leng gone di agwang, ka jalo di sena yo o di tlhokometseng.

O tlhalositse mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang a re, go supagala fa magodu a ba dira jaana ba itse fa go sena yo o ka ba bonang ka dijarata tse di le kgakala le batho.

“Dikgang tsa mofuta o di tla mo ofising ya rona kgapetsakgapetsa, mme go bonala fa go sena yo o tlhokometseng gone mo dijarateng tse,” a tlhalosa.

O tsweletse fa badira melato ba, ba tsaya dijojo tse di dirisiwang go thusa ka metsi ka nako ya kago ka go sena metsi kwa Disaneng II.

Rre Ramaabya o kopa bao ba e leng gone ba abelwang ditsha e bile ba simolotse go aga go tlhokomela dijarata tsa bone ka go bona gore go na le yo o tlhokometseng dikago nako tsotlhe.

A re fa go sena yo o tlhokometseng go neela magodu sebaka sa go utswa ba le kwa ga mothakga, ka ba itse fa go sena yo o ba bonang.

Rre Ramaabya a supile fa gape ba sa robadiwe ke bogodu jwa go phamolela batho.

A re bogodu jwa go phamola dibeke le mesokelatsebeng bo golela pele tsatsi le letsatsi mo Maun.

Mme o kopile batho go nna ba pudi matseba ka badira melato ba, ba le gongwe le gongwe.

O ne a kopa setshaba go nna le mowa wa go bega sepe se ba se belaelang e le sa bogodu, le go emisa go reka dithoto tse ba di belaelang e le tsa bogodu.

A re mo go ka dira gore badira melato ba tlhoke kwa ba ka rekisang teng tse ba di utsuleng, mme go felele go fokotsa borukuthi.

A re ka tiro ya bone e le go sireletsa setshaba ba eme ka dinao go lwantsha borukuthi jo, ka bo tshedisetsa batho mo letshogong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Montle Modisawamarole

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 11 Sep 2017