Breaking News

Ba Gakhibane ba akgola puso

11 Sep 2017

Banni ba Gakhibane mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba akgotse puso mo maitekong a yone a go netefatsa gore Batswana ba nna le bonno jo bo ba fang seriti.

Fa a a lekodisa Mopalamente Frans Van der Westhuizen yo o tshwereng metseletsele wa diphuthego mo kgaolong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Eva Mosarwe o tlhalositse gore ba itumelela maiteko a puso a go abela batho ba ba kobo dikhutshwane matlo.

Rre Van der Westhuizen omo kgaolong go lekodisa batho ba kgaolo ya gagwe ka ditshwetso tsedi dumalanweng kwa palamenteng ee sa tswang go fela le gone go lekola botsogo mo kgaolong.

A re ba amogela ka oo mabedi ntlwana ya borutelo mo motseng wa bone e e tlaa bong e itebagantse le bana ba ba ipaakanyetsang go ya go simolola lekwalo la ntlha.

A re se ke kgato e ntle thata ka jaana e baakanyetsa bana goya go simolola sekolo ban a le lesedi la gore go diragalang kwa sekolong, a tlatsa ka gore thuto ke boswa jobo sa feleng.

Mme Mosarwe o ne a bolelela mopalamente gore a kope puso gore a ba ka seke ba kgone go fa bana ba sekolre dijo tse di jewang mo kgaolong jaaka go direga kwa mafelong a mangwe.

A re se se tlaa netefatsa gore le bone ba itshetsa ka dilo tseba di dirisang mo kgaolong jaaka dihutshane go intsha mo lehumeng.

Rre Hendrick Visagie o ne a botsa mopalamente gore a mananeo a puso a go ntsha Batswana mo lehumeng a tlaa tswelela fa Tautona a sena go tlogela tiro mo bogaufing, a supa fa mananeo ao a le botlhokwa mo botshelong jwa Motswana.

Banni bangwe ba ne ba supa ofisi ya boipelego ka monwana gore ere ntswa basa bolo go tsenya dikopo tsago thusiwa, nako kgolo ke eno mme sese ngomolang pelo ele gore gaba bolelelwe gore matsapa dia tsaya kae.

Fa a akgwa Mme Mosarwe dikgaba, Mme Banyanabotlhe Keletleletswe o tlhalositse gore e tlaa re mo bogaufing dikgaolo ka go farologana a bo di kgona go rekisetsa dikole meamuso e e fitlhelwang mo go tsone.

O ne a fa sekai gore kwa go jewang ditlhapi teng, batho ba mafelo ao ba tlaa rekisetsa dikole tsa kgaolo ya bone ditlhapi mme kwa go jewang di-tswa tshimong kana leruo le gone go tlaa nna fela jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : GAKHIBANE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 11 Sep 2017