Breaking News

Mokgatlho wa BMW o simolodisitswe kwa Selebi phikwe

11 Sep 2017

Mokgatlho wa BMW kwa Selebi Phikwe o kwadisitswe ka fa molaong go itebaganya le go fetola matshelo a batho.

Fa  a buwa kwa tshimolodisong semmuso ya mokgatlho o, le go abela Mme Morekwa Kaoma wa Botshabelo dimpho, Modulasetilo wa mokgatlho, Rre Kelapile Kolagano  a re bane ba bona go le botlhokwa go tlhopha mongwe yo o nang le botlhoki gore e re ka lone letsatsi leo ba bo ba mo abela tse ba tla a bong ba di mo diretse.

A re ba kgonne go penta matlo a ga Mme Kaoma, go mo agela ntlwana ya boitiketso le go agelela lelwapa lwa gagwe ka thuso ya bommaboipelego.

Mme Morekwa ke mongwe yo go supafetseng fa a sa tsoge sentle ga mmogo le ba a tshotsweng nabo.
 
Rre Kolagano o ne a tswelela ka go tlhalosa fa se e le tshimologo ya go thusa ba ba tlhokang mo Selebi Phikwe, mme ba tla tswelela ka go tlhabolola lelwapa la ga Mme Morekwa go fitlha le nna mo seemong se se eletseng, ka ba setse ba rekilwe dingwe tsa dikago tse ba tsileng go di dirisa mo tsamaong ya nako.

Rre Kolagano a re mokgatlho wa bone ga se o o dirang dipoelo, mme ba tla tswelela ba thusa fa go supafalang gona le botlhoki go ne gore motho wa go nna jalo a kgone go nna le seriti.

Rre Kolagano o ne a tlhalosa fa mokgatlho wa BMW o ne wa tlhamiwa morago ga go bona dikotsi tsa ditsela di diragala di le dintsi mme matshelo a batho a latlhega.

Rre Kolagano o ne a re mo nakong e ntsi go ne go supafala fa dikoloi tsa modiro wa BMW e le tsone tse gantsi di neng di amega mo dikotsing, mme seo se sa ba jese monate.

A re maikaelelo a bone ke go rutana e le bakgweetsi ba dikoloi tseo, go ipabalela mo tseleng le go babalela badirisi ba bangwe ba tsela.  

Rre Kolagano o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go dira thata le ba sepodisi go tshwaraganela go ruta setshaba go nna le boikarabelo mo tseleng.

Rre Oabile Mokgosi yo eleng modulasetilo wa mokgatlho wa BMW go tswa Francistown, o ne a re maikaelelo a bone ke go fetola dikakanyo tsa batho tsa gore bakgweetsi ba dikoloi tseo ga ba na boitshwaro jo bo siameng.

E rile a leboga, Raboipelego Modiri Mmusi, a kopa ba mokgatlho wa BMW le mo mafelong a a kwa ntle ga Selebi Phikwe go tswelela ba thusa, ka go supagetse fa batho ba le bantsi ba santse ba tshelela mo lehumeng, a tlhalosa fa puso e ka se kgone e le nosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBIPHIKWE

Event : Kabo dimpho

Date : 11 Sep 2017