Breaking News

Mo Modimong re a lekana - Mookodi

11 Sep 2017

Moemela kgosi yo mogolwane mo Kanye, Kgosi Kwelagobe Mookodi a re mo Baebeleng batho botlhe ba a lekana go ya ka dipopego tsa bone.

Kgosi Mookodi o buile mafoko ao fa a bula semmuso thuto-puisanyo ya ba-na-le-bogole mo Kanye.

A re e le dikgosi ba kopa botlhale kwa Modimong fa ba seka ditsheko tse di amang ba-na-le bogole, ka gore fa ba ka seke ba tsamaisa ditsheko sentle ba tlaa bo ba sa dire sentle.

A re kgang e nngwe e e tshwenyang ke ya bong, a bolela gore fa ba sekisa ba sekaseka gore a ga go dirisiwe kgokgontsho.

Kgosi Mookodi a re fa ba sekisa kgang e e amang motlhoka-kutlo ba tlhoka motho yo o ka ranolelang motlhoka puo.

O boletse fa batsadi ba bana ba ba nang le bogole ba kgona go ba kgetholola kgotsa go ba rontsha ditshwanelo, a tla a re batho bangwe fa ba sena go imisa bana le bogole ba reka batsadi go tsholola kgang.

Kgosi a re mo lefatsheng la Botswana, batho ba sego ka jaana puso e tlhokomela bana le bogole, a re mo mafatsheng a mangwe ba diretswe kwa ba nnang teng.

A re batho bangwe ba kgona go itatola ngwana fa ba bona a tshotswe a na le bogole, a re selo sa go nna jalo ga se siama.

O boletse fa puso e rotloetsa dikompone le madirelo ka go farologana go thapa bana le bogole, a bo a re mo Botswana ga go a tshwanelwa go kgetholola batho fela ka gore banale bogole.

Kgosi Mookodi o kgadile mokgwa wa bomme bangwe ba a reng ba okisa banalebogole mme ba felele ba tlhakanetse dikobo le bone. Fa a tlhalosa moono wa letsatsi, Mme Connie Otukile o ne a re moono wa lekgotla la Kanye Independent Living Centre ke gore banalebogole ba tlhokomelwe.

Mme Otukile o rotloeditse batho b aba tshelang ka bogolo go ikamogela, me ba seka ba tshaba go tsena mo sechabeng.

A re ba tshwanetse go ikamogela mme ba tsaya mananeo a puso ba intsha mo lehumeng, a bo a re ba lolwapa le bone ba tshwanetse go amogela banalebogole ba seka ba ikaega ka batho ba bangwe.

Mme Otukile a re fa mona-le-bogole a ikaega ka motho yo mongwe, fa a tlhokafala mona-le-bogole o sala a dira jang.

A re batsadi ba bana ba ba nang le bogole ba seka ba ba pepetletsa thata.  kopile batsadi go ruta bana ba go nna jalo go itirela gore ba seka ba sotlega mo isagong, a re gape ba rutwe go itshetsa ba tle ba kgone go tsoga ba itshetsa le go tshetsa bana ba bone.

Mothusa modula-setilo wa mokgatlho, Rre Pedro Ramosanta a re fa motho a buwa le mona-le–bogole go supa gore ga a mo nyatse o tshwanetse go lebagana le ene a sa motlhaetse matlho.

Rre Ramosanta a re fa motho a bua le motlhokapono, o tshwanetse go mmolelela gore fa ba teng gona le bomang.

O boletse fa mona-le-bogole yo o tsamayang ka kolotsana ga a tshwanelwa go kgaramediwa a sa bodiwa gore a o tlhoka thuso.

A re mona-le-bogole o na le tshwanelo ya go tsaya ditshwetso fela jaaka motho mongwe le mongwe le fa a ka itsenya mo diphatseng.

Rre Ramosanta a re pele, go nna le bogole go ne go itsewe gore ke bolwetse, a tla a re malatsi ano, bana–le bogole ba rotloediwa go tsaya mananeo a puso go itshetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Thutopuisano

Date : 11 Sep 2017