Dinotshi teemane ya ga Kamarea
10 Sep 2017
Go tswa goo-Lowe, motho fa a bona segopa sa dinotshi s etla se rwaleletse, o tlhanola direthe, bangwe ba ribame fatshe, se e le go iphalotsa botlhoko jwa go longwa ke notshi.
Se ya bo e le dikgang tsa maloba mo go Rre Kitsoyaone Kamarea (31) wa kgotla ya ga Kebuang kwa Kanye. E ne fa go nna jaana o dudueletsa boatleng, a tlole a bo a relele a itse sentle gore gouta le selefera di mo wetse godimo, kgang kgolo mo go ene, e nne go ja tlhogo go bona gore di mo tsena jang diatleng.
“Ke koma fela ke itse gore motswedi wa madi o gorogile, Mafoko a me e nne gore, ruri lefa gotwe modimo ga afe ka letsogo tsatsi leo wa bo a nneile,”ga bua jalo Rre Kamarea. E ne ya re fa a buisana le BOPA bosheng, mogwebi yo wa khamphani ya Rust and Dust Holdings, yo o itebagantseng le go gweba ka thuo ya dinotshi, a supa fa e rile go fatlhogeng ga gagwe a nna le lerato le le tseneletseng mo dinotshing ka jaana a ne a rata tsina.
A re ka a godile go ja dinotshi e le selo modiro kwa ga gabo, se se ne sa mo fa monyetla wa go lemoga fa jaanong go rua dinotshi go ka mo tshela metsi mo ganong, toro e e rileng fa a fetsa lekwalo la botlhano a e rurifatsa ka bonnye jo a neng a bo ipoloketse ka 2007. A re go netefatsa gore o tsamaisa kgwebo ka bonokopila, o ne a tsenelela dithuto tsa thuo le tsadiso ya dinotshi tse a neng a di isitswe ke ba temo-thuo kwa Pelotshetlha Rural and Training Centre, selo se se neng sa mo tiisa moko.
Rre Kamarea o tlhalosa fa e rile go bona kgwebo e tswelela sentle le ka ntlha ya go galalediwa ke bareki maikaelelo ya nna go e godisa, mme ya re ka 2012, ba lephata la banana ba mo pega lere ya dikeletso tsa gagwe ka P80 000.
“Mo nakong ya gompieno tswina e e tlhotlhilweng, mamepe, le lelota ga mmogo le di-tswa dinotshing di tshwana le kerese, melora e e tlhapang le diitshaso tsa molomo ka go farologana, pholetshe ya ntlo le tse dingwe ke dingwe tsa tse ke gwebang ka tsone.”
Go netefatsa gore kgwebo ya me e tswelela e itshetletse, ke dira ke bo ke rekisa mabokose le didirisiwa tsa dinotshi ka go farologana, ga mmogo le ditirelo tsa phuduso ya tsone,” Rre Kamarea a tlhalosa. Ka lenyora la go ntsha dithoto tsa tlhwatlhwa, Rre Kamarea o tlhalositse fa a ne a tsena mo maranyaneng a inthanete ga mmogo le go ikopanya le ba lekalana la National Food Technology Research Centre (NFTEC) go itseela botsipa ka go dira di-tswa tswineng, metswako le menontshane e e lekanetseng, go di somarela ga mmogo le go di phuthela.
Mogaka yo wa mogwebi wa dinotsi a re e re ka go dirwa ga tswina go laolwa ke boleng teng jwa ditlhatshana, o tlhokomela dinotshi tsa gagwe ka go di lemela dithunya ka nako ya tlala gore di kgone go ntsha tswina ya boleng le go di beela mabokose a itsidifatso ka nako ya mogote go fokotsa dintsho. “Go dira jaana go ntla matshediso ka mabokoso a ke nang nao a a masome marataro, ke roba bokete jwa makgolo a roba bongwe a tswina,mo fa gongwe e nnang gabedi fa e le ngwaga o monamagadi.”
A re se se nonang pelo mathe ka kgwebo ya go nna jaana ke gore ntle le matsapa a go gama tswina, ga e turu e bile e motlhofo go tsamaisiwa, ka jalo e mo fa sebaka sa go dira ditiro tse dingwe tsa selegae. A re le fa go ntse jalo thuo ya dinotshi e tlhokana le kitso le botsipa ga mmogo le motho yo o ititeileng sehuba.
O buile a sa kgwe mathe ka botlhokwa jwa tswina ya dinotshi e a tlhalositseng fa e na le dikotla tse di tlhokwang thata ke mmele gore o fenye malwetse ka go farologana a akaretsa a letlalo le a mangwe. Le fa go ntse jalo, Rre Kamarea o tlhalositse fa dinotshi di ka nna borai mo bathong le ditshidi tse dingwe ka jaana di kgona go loma mo go ka bakang loso bogolo jang fa di rumotswe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 10 Sep 2017






