Bana ga ba a tshwanela go tlogedisiwa sekole
10 Sep 2017
Kgosi Keoganne Modisapodi wa Moralane mo kgaolong ya Shoshong o tlhalositse fa a tshwenngwa ke batsadi ba ba ntshang bana mo dikoleng go ba isa kwa dipolaseng.
Kgosi Modisapodi o buile jaana fa badiredi ba maphata a kgaolo potlana ya Mahalapye ba isitse ditlamelo kwa motseng oo ka Labobedi.
O tlhalositse fa batsadi ka bontsi ba motse wa gagwe ba sa tsee ditshwanelo tsa bana tsia ka ba kgona go ba ntsha mo dikoleng go ya dipolaseng.
A re seemo se, se a tshwenya ka e bile batsadi bangwe ba sena tlhokomelo e e tsepameng mo baneng, a tlatsa ka go re bana bangwe baya sekoleng ba le leswe le go ja ba sa ja.
A re e le bogogi jwa motse le mogokgo ba leka ka bo jotlhe go leka go lemotsha batsadi fa ba sa direle bana sentle mme mafoko a bone a wela fela fa fatshe.
A re se sengwe se se tshwenyang ke bana ba Moralane ba basetsana ba ba tsenang sekole kwa Mothamo ba ba tlogelang sekole.
Kgosi Modisapodi a re se se diragala fela mo matlhong a batsadi, mme ba sa tsee dikgato dipe go busisetsa bana kwa sekoleng ka go sena tlhokomelo mo malwapeng.
O kopile bodiredi jwa kgaolo, bogolo jang molaodi le ba boipelego go ema ka dinao go emisa seemo se, go lemotsha batsadi gore ke boikarabelo a bone go bona gore ke tshwanelo ya ngwana mongwe le mongwe go tsena sekole.
O kopile batsadi go nna le boikarabelo mo baneng, ka gore fa ba itlhokomolosiwa ba ka felela ba tswa mo tseleng mme ba felele ba dira borukutlhi.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Modisapodi o ne a leboga go menagane go bo ba kgaolo-potlana ya Mahalapye ba bone go le botlhokwa go isa ditlamelo kwa motseng wa bone.
O tlhalositse fa gantsi batsadi kwa metseng ba tlhokana le ditirelo dingwe mme ba sa itse gore ba ka di bona jang kgotsa ba fitlha jang kwa diofising tsa bone tse bontsi jwa tsone di leng kwa Mahalapye.
E rile a tswa la gagwe, mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Bakani Mathumo a kopa batsadi go emisa go ntsha bana mo dikoleng, a tlatsa ka gore ke tshwanelo ya ngwana mongwe le mongwe go bona thuto.
Rre Mathumo a re puso e eme ka dinao go bona gore bana ba bona ditshwanelo tsa bone, ka e bile go na le molao o o lebaganeng le ditshwanelo tsa ngwana.
O ne a kopa batsadi gape go dirisana le barutabana ba ba mo motseng, a kgothatsa komiti ya batsadi le barutabana go ema ka dinao go lwantsha dikgang tsa batsadi ba ba ntshang bana mo dikoleng ga mmogo le go ruta batsadi ka bomosola jwa thuto.
Rre Mathumo a re puso e dirile thulaganyo ya gore gangwe le gape maphata a puso a nne a etela metse go isa ditlamelo kwa bathong gore ba kgone go di bona bogautshwane ka bangwe ba sa kgone go latela ditlamelo.
A re ba dira se go itse matshwenyego a batho le gore ba ka thusiwa jang go a rarabolola. A tlatsa ka gore gape maikaelelo a bone ke go itse batsadi le gore batsadi ba itse bodiredi jwa kgaolo ya bone.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa lephata la tsa dikoporasi mo kgaolong, Mme Siphathisiwe Motlhabi o tlhalositse gore koporasi e bereka jang le gore e tlhokana le maloko a le kae go ka nna koporasi ya motia.
Mme Motlhabi o ne a kgothatsa banni gore pele ga ba ka kwadisa koporasi ba tshwanetse go nna fa fatshe go akanya dikgwebo di ka ba solegelang molemo, mme ba kgona go itshetsa le go tlhabolola motse wa bone.
A re fa go ntse jalo, koporasi e kgona go ba thusa go fokotsa lehuma mo motseng le mo metseng e e mabapi gammogo le lefatshe ka kakaretso.
O ne a tlhalosa gape fa koporasi e kgona go fokotsa letlhoko la ditiro le le aparetseng lefatshe ka bophara. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MORALANE
Event : kgotla meeting
Date : 10 Sep 2017






