E a re go tlogelwa tsatsing
10 Sep 2017
Fa motho wa maloba a ne a re ‘e a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting,’ o ka re o ne a kile a kopana le Mme Eldah Mogologolo kana a bonetse botshelo jwa gagwe kwa pele.
Ntswa bangwe ba na le go ineela mo diemong, Mme Mogologolo ga se bao, ka a ne a seka a itlhoboga a sena go senyegelwa ke sekole ka boimana a dira mophato wa bone kwa Lotsane.
Ka go lemoga fa ngwana a ne a le mo tseleng, monana yo o ne a tshwanelwa ke go loga maano a mangwe a botshelo.
Fa balekane ba gagwe ba le kwa dikoleng tse dikgolwane ba tsweletse ka dithuto tsa bone, ene a bo a setse a amusa ngwana wa gagwe wa ntlha wa mosimane a le dingwga di le lesome le bosupa ka ngwaga wa 1996.
Fa keletso ya go ka tsweledisa dithuto e retela, ka batsadi ba ne ba santse ba kgopisegile, a itoma molomo wa tlase gore batsadi ba nne motlotlo ka ene mo isagong. Ka go twe fa go nang le maikaelelelo go na le phenyo, seo ke botshelo jwa ga Mme Mogologolo.
Fa o tsena ka motsana wa Mosolotshane mo kgaolong ya Shoshong o kopantshiwa ke lebentlele le le mmala o o lephutshe le le bidiwang Tandabala. Mo potsolosong le BOPA, Mme Mogologolo wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi, o tlhalositse fa e ne e le ngwana yo o ratang dithuto e bile a dira sentle.
Go tswa kwa sekoleng se sebotlana o ne a fenya ka maduo a bobedi go fitlhelela a ya kwa Lotsane a ntse a fenya ka B, selo se se neng sa dira gore le batsadi ba gagwe ba nne le tshepho ya gore ngwana wa bone o tsile go ya kgakala mo botshelong.
Tse tsotlhe tsa phirima fa a ima ka a ne a tshwanelwa ke go nna kwa lapeng, go fitlhelela a thapiwa mo lenaneong la Ipelegeng ka 2000 e le yone fela tiro e a ka e dirang.
Le ntswa go twe lemme ga le bolae, se se ne se sa mo kgotsofatse ka e se tiro ya sennela ruri, bogolo jang ka jaanong a ne a setse a na le ngwana wa bobedi.
“Ke ne ke sa batle go nna fela ka diatla ntswa ke na le bana, ka bona gore ke eme ka dinao go jesa bongwanake,” a tlhalosa. E rile a fetsa sebaka sa gagwe a simolola go apaya mangwinya a a rekisetsa fa thoko ga tsela.
O simolotse ka bopi jwa 5kg mme kgwebo ya gagwe ya gola e bile a itsege Mosolotshane otlhe gore ke Mmamangwinya.
Fa kgwebo e ntse e tswelela sentle a simolola go ipolokela madi a ikagela semausu sa disenke gone fa thoko ga tsela mme a se oketsa ka maungo le merogo e tshwana ditamati, ditapole, khabeche le tse dingwe.
Ka 2007 o ne a abelwa setsha sa kgwebo, selo se se neng sa mo tiisa moko, ya re ka 2012 a se aga ka dipolokelo tsa kgwebo ya mangwinya, maungo le merogo.
Ya re a le dingwaga di le masome a mararo le bone, ka ngwaga wa 2013 a kopa dithuso ka lenaneo la madi la banana mme kopo ya gagwe ya atlega a thusiwa ka madi a a kanang ka P72 000.
Ka a ne a setse a na le dikago tsa benkele ba lephata la banana ba mo thusa go reka setoko le setsidifatsi go ka simolola kgwebo ka 2013 o ya bokutlong.
Mme Mogologolo o tlhalositse fa a simolotse kgwebo a thusiwa ke ngwana wa gagwe wa ntlha ka a ne a setse a feditse mophato wa boraro mme mo bogompienong o kgonne go thapa bomme ba le babedi go mo thusa go rekisa.
Ka Modimo o sa latlhe ope, le ka go nna a ipolokela madi, lebenkele la gola la tswa kwa go bidiweng fela go twe Tandabala jaanong ya nna kompone e e bidiwang Tandabala Investment.
Mme Mogologolo o na le ditoro ka kgwebo ya gagwe, keletso ya gagwe e le go dira go le gontsi mo setsheng sa gagwe jaaka marekisetso a nama gammogo le go ka dira tse dingwe dikgwebo.
Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa go se motlhofo ka a kopana le dikgwetlho ka go farologana, a tlhalosa gore e rile ka 2014 kgwedi ya Phukwi, lebenkele la thubiwa mme ga utswiwa dilwana tse di lopang P23 000.
Ka a ne a ikaeletse go le gontsi ka kgwebo e ya gagwe, a seka a ipona tsapa, a tsaya madi a a neng a ntse a a bolokela go gokela motlakase le go fokotsa sekoloto kwa lephateng la banana go reka setoko kgwebo ya tswelela. Morago ga kgwedi tse nne morago ga tiragalo e e maswe eo, lebenkele la thubiwa gape mme ga utswiwa dilwana tsa madi a P6 500.
“Tse tsotlhe tsa seka tsa nkgoba marapo, ka tota maikaelelo ame e le go fenya dikgwetlho tse ke kopanang le tsone ntswa bangwe bone ba mpusetsa kwa morago.”
Mme Mogologolo a re mo ditiragalong tshotlhe ka bobedi babelaelwa ba ne ba tshwarwa, mme a tswelela a rekisa, le ntswa a ne a seka a busediwa dilwana ka di ne tsa gapilwe ke mapodisi go ka nna bosupi ka nako ya tsheko.
Ka a ne a ikaeletse go gokela motlakase, a tswelela a boloka a bo a kgona go duela bontlha bongwe jwa motlakase o mo bogompienong o tseneng.
A re o kgonne se ka go tshepha Modimo le go nna a ikgolaganya le ba ofisi ya banana go mo gakolola mme a leboga Rre Nicholas Mokongwa wa Shoshong yo e leng mogakolodi le morotloetsi wa gagwe mo leetong le a go nna mogwebi.
O tlhalositse gore e rile ngogola a oketsa kago ya lebenkele a bo a o gokela motlakase wa Phase 3 o o tsenngwang mo dikgwebong.
Le fa go ntse jalo, Mme Mogologolo a re kgwetlho mo bogompienong ke go tlhoka motshine wa dikarata tsa batlhoki, a tlatsa ka go re o kgobakgoba kwa lephateng la boipelego mme go se nko e tswang lemina.
A re go tlhoka motshine o, go mo utlwisa botlhoko ka le ene a ne a ka kgona go rekisetsa ba ba dirisang dikarata tseo ka e bile ba le bantsi mo kgaolong.
Mme Mogologolo o tlhalositse fa kgwebo e batla motho yo o pelotelele, e bile a sa tsene mo kgwebong ka go batla madi ka kgwebo e ka se tswelele.
A re dikgwebo bogolo jang tsa banana di felela di phutlhama ka bangwe ba sena lorato lwa kgwebo, a tlatsa ka go re fa o le mo kgwebong o tshwanetse le wena wa ikamogedisa, wa nna le dibuka go baya direkote.
O gakolotse banana ba ba mo dikgwebong go ithuta go boloka bonnyennyane bongwe le bongwe jo ba bo bonang.
A re e ne o itse go le gontsi ka kgwebo le ntswa a ise a ye dithutong dipe tsa kgwebo, ka jalo a kopa banana ba bangwe ba ba eletsang go ka tsena mo dikgwebong go ka tla kwa go ene go tla go tsaya maele le dikgakololo.
Mme Mogologol, o rotloetsa banana go tsaya mananeo a puso ka tlhoafalo go tokafatsa matshelo le go tlhabolola metse ya bone.
O ne a tlhalosa gape gore gantsi o bidiwa kwa sekoleng se sebotlana sa motse go tla go kgothatsa baithuti gore botshelo bo matswakabele, e bile tikologo kgotsa dikgwetlho tse motho a kopanang le tsone mo botshelong di ka se eme ope fa pele fa a na le maikaelelo a go ka tokafatsa botshelo jwa gagwe.
Mme Mogologolo o leboga go menagane bogogi le banni ba motse wa gagabo ka ba nna ba mo eme nokeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MOSOLOTSHANE
Event : Potsolotso
Date : 10 Sep 2017






