Mokhanselara o seka sekoloto
07 Sep 2017
Mokhanselara wa kgaolo ya Bagami kwa Ntsweng mo Kanye, Rre Kennedy Otlaadisa, o satswa go iponatsa fa pele ga lekgotla la ga Mmakaseterata la Kanye mabapi le magatwe a gore o kolota madirelo mangwe mo Kanye P16 00 e le a phiriso.
Go ya ka dikgang tsa tsheko, Rre wa madirelo, Rre William Manake, o ne a isa kgang kwa lekgotleng morago ga gore Otlaadisa le mosadi wa gagwe ba gane go duela madi a a setseng a sekoloto.
O ne a felela a ba lotlelela madirelo.
Fa a iphemela, Rre Otladisa o ne a bolela fa a ne a hirisa madirelo a ga Rre Monake ka 2013 go fitlha ka 2014.
Otlaadisa a bolela fa a ne a hirisa shopo le Restaurant mme ba duela P5 000 ka kgwedi.
O boletse fa pele ga a tsena mo madirelong ao, a ne dira dipaakanyo tse di ba lopileng P12 600, ba ne ba shafatsa seling, ba penta le go aga lebotana.
Mo tumelanong ya phiriso go ne go buiwa fela go sena mokwalo ope.
Otlaadisa a re e rile mo tseleng motlakase wa senyega mme ba hira Rre mongwe wa leina la Ford go baakanya mme ba mo duela.
Ke fa e tlaa re morago mong wa madirelo a seka a ba duela madi a dipaakanyo.
O boletse fa mong wa madirelo a ne a gakala a re ba mo kolota madi a phiriso mme a ba koba mo madirelong ka go lotlela madirela a lotlelela le dilwana tsa bone.
Rre Otlaadisa o boletse fa a sa kolote sepe e bile Rre Manake e le ene a ba kolotang.
Rre Kennedy o bolela gore se sengwe gape Rre Manake o ne a batla mosadi wa gagwe tsa marato.
A bolela gape gore ka nako ya teng o ne a ipapaletsa dipolotiki mo phathing ya UDC, fa Rre Manake e ne e le molatedi wa BDP, jaanong go na le dikgotlhakgotlhano.
Otlaadisa o ne a bitsa basupi ba le bararo fa Rre Manake a ne a na le moemedi wa semolao.
Kgang e tlaa tswelea mo bogaofing. Ends
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Tsheko ya sekoloto
Date : 07 Sep 2017






