Breaking News

ISPAAD e a bereka kwa Tonota

07 Sep 2017

Mongwe wa balemi ba Batswana kwa Tonota, Rre Skipar Segopolo a re o na le dingwaga tse tharo a ntse a akola lenaneo la ISPAAD mme a inaakantse le go lema dijo tsa leruo tsa Lablab kwa masimong a Dibongwane gaofi le Tonota.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, o boletse fa mo dingwageng tse tharo a ntse a lema ditema tse tharo le sephatlo mo letsemeng lengwe le lengwe.

“Ke aga ke lema ditema tse tharo ka mabaka a gore ke setse ke godile, ka jalo ke ne ke itekanyetsa ke lebile bokgoni jwa me,” mme a tlhalosa jalo a bolela fa mono ngwaga a ikaelela go oketsa ditema go nna tlhano.

O supa fa mo ditemeng tseo a aga a bona thobo ya dikgetsi tse di makgolo matlhano le go feta.

Gape o ne a tlhalosa gore le fa a simolotse ka go lekeletsa temo ya dijo tsa leruo, ka a ne a itemogetse gore dipula tsa gompieno ga di ikanyege, mme seo se felela se baka gore phulo e nne e e sa nametseng go ka hepa leruo ka kakaretso.

Ke gone ka moo a tlhalosang fa a ne a gwetlhega go dira temo ya dijo tsa leruo go nna kgwebo mme a simolola go rekisa thobo e a e bonang a rekisetsa barui ka bongwe ka bongwe.

Rre Segopolo o tlhalositse fa barui ba ise ba nne le kitso e tseneletseng ka botlhokwa jwa go jesa leruo, mme barui ka bongwe ka bongwe ba reka thobo ya gagwe mme letseno le a le bonang, a kgone go itlodisa melatswana e tletse ga mmogo le ba lelwapa la gagwe.

Mo nakong eno molemi yo o rekisetsa fa marekisetsong a Tonota a Take No Time go bapa le tsela ya A1 e e yang Francistown.

O tlhalositse fa kgetsi e le nngwe ya Lablab  P75, mme fa a nankola mangwe matshwenyego a a a itemogelang, o supile fa mo nakong eno a sena ditsompelo jaaka matshine o o silang Lablab ka a hirisa matshine.

Rre Segopolo o lebogile go menagane puso go simolodisa lenaneo le la ISPAAD, a re go bo le simolodisitswe go lemogwa botlhokwa jwa temo mo matshelong a bone e le Batswana.

O tlhalositse fa Batswana go tsweng Goo-Lowe e le batho ba ba ikaegileng ka temo thuo ka e le yone e dirang dijo, mme e bile e na le seabe se segolo go ka fefosa go bula diphatlha tsa mebereko.

Gape o ne a tlatsa ka go supa fa temo-thuo e ka thusa go menagane go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno.

O bile a gwetlha Batswana go tlhagafalela temo ga mmogo le go akola mananeo a puso e ikemeseditseng go fetola seemo sa itsholelo ya Batswana ka one.

Molemi yo o ne a ikuela mo pusong ga mmogo le makalana a a ikemetseng gore ba thusiwe ka go batlelwa mmaraka.

Rre Segopolo a re o eletsa gore jaaka balemi ba kgaolo ya Selebi Phikwe ba itse ka tlhomamo gore morago ga thobo nngwe le nngwe ba isa thobo kwa lekalaneng le le rotloetsang temo la SPEDU, go ka nna jalo le mo dikgaolong tse dingwe lefatshe ka bophara.

O supile fa seo se ka thusa go tiisa moko Batswana go tsena mo temong go ntsha maduo.

O bile a gatelela botlhokwa jwa gore e le balemi mo dikgaolong, ba tshwanelwa ke go ipopa ditlhopha mabapi le se ba se lemang.

Fa a tswa la gagwe, mongwe wa balemi ba dijo tsa leruo kwa masimong a Dibongwane Rre Steven Pillar, yo le ene a akolang lenaneo la ISPAAD a gatelela botlhokwa jwa go nna le mmaraka mo kgaolong.

O tlhalositse fa ene ngwaga le ngwaga a lema ditema tse di masome a mane tsa Lablab mme a rekisetsa thobo ya gagwe ba Sunny Site Dairy kwa Otse.

A re o dikile a bone thobo ya selekanyo sa ditone  tse di masome a supa le botlhano mme e bile a setse a kgonne go rekisa selekanyo sa ditone tse di masome a marataro fa tse di lesome e le tse a tla di jesang leruo la gagwe.

O tlhalositse fa temo ya dijo tsa leruo e le bogadi bo gaofi, fela sebe sa phiri ke go tlhoka mmaraka o o gaufi ka jaana go rekisetsa kgakala ba itemogela ditshenyegelo tse di kwa godimo.

Le ene fela jalo o ne a ikuela mo pusong le makalana a a ikemetseng go ba tswa thuso mo maitekong a bone, mme a supa fa ba se kake baa tlhol ba kgobega marapo ka jaana ba na le toro ya go dira kgaolo ya Tonota boremelelo jwa temo ya dijo tsa leruo. A re ke ka go bo ba lemogile gore e dira mo go nametsang go sa kgathelesege gore seemo sa loapi se ntse jang ka paka ya temo mme e tlhokana le go tlhokomelwa ka go tlhagolelwa. Ends

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : TONOTA

Event : Potsolotso

Date : 07 Sep 2017