Monna wa Zimbabwe o bolailwe ke yo mongwe
07 Sep 2017
Mapodisi a Good Hope a mo letsomong la rre mongwe wa letso la Zimbabwe go ba thusa ka ditlhotlhomiso tsa leso la rre yo mongwe wa letso la Zimbabwe yo go bolelwang a bolailwe beke eno.
Ramapodisi wa Good Hope, Rre Mogomotsi Kwapa o tlhalositse gore e rile maabane ba begelwa tiragalo e borre ba letso la Zimbabwe ba neng ba tswa maitisong mmogo kwa Mmathethe, mme ba tsena mo jarateng nngwe go reka motsokwe fa tiragalo e e diragala.
Superintendent Kwapa a re banni ba motse ba tlhalositse fa ba utlule fela borre ba ba ne ba omana ka segabone, me go bolelwa fa yo mongwe a ne a ntsha tshipi e e bogale a tlhaba yo mongwe fa lebeleng.
E rile a sena go dira jaana a ipha naga. O tlhalositse gore tiragalo e e diragetse kwa kgotleng ya Tebogo kwa Mmathethe.
O tlhalositse fa ba le mo letsomong la rre yo go bolelwang a nna mo masimong mangwe go bapa le Gasegwagwa.
Superintendent Kwapa o tlhalositse fa ba tsene mo letsomong la go batla rre yo. O tlhalositse fa ba santse ba tlhotlhomisa le dingwaga tsa bone, ka tiragalo e e diragetse maabane bosigo.Ends
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GOODHOPE
Event : Pego ya mapodise
Date : 07 Sep 2017






