Breaking News

Kgosi Malope II o kuile dikgafela

07 Sep 2017

Kgosi Malope II wa ga Ngwaketse o sa tswa go kua dikgafela tse di tlaa tshwarwang Phalane a tlhola malatsi a le masome mabedi.

Kgosi o ne a biditse lebatla ka Labararo mo Kanye, a bolela fa mabele a tlaa tsisiwa kwa kgosing kgwedi eno.

Kgosi o boletse fa dikgosana mo Kanye di le malala a laotswe.

O boletse fa dikgafela di ne di dirwa bogologolo e le go leboga le go kopa pula gore morafe o ye go lema.

Kgosi o ngongoregile ka bana ba ba sa utlweng mo Kanye ba ba ipitsang matsetsenkane, ba betsa batho bosigo le go ba kgothosa.

O boletse fa molao o ba bofile matsogo ka gore batho jaanong ga ba itewe mo mokwatleng jaaka bogologolo.

O boletse fa thupa ya marago e sa ba dire sepe.

Kgosi o boletse gape gore bana jaanong ga ba otlhaiwa ba ikuela kwa ChildLine, ba re ba na le ditshwanelo.

Fa a tlatsa, mothusa kgosi kgolo, Kgosi Kebapetse Telekelo, o boletse fa dikgafela e le bontlha bongwe ja ngwao.

O boletse fa monongwaga di tlaa dirwa mo Kanye mme ngwaga o o tlang di tla bitswa go tlhe mo kgaolong ya ga Ngwaketse ka bophara.

O boletse fa dikgafela go nowa bojalwa, go ipelwa go kopiwa pula. A re morafe o tlaa bo o tshware dikala tsa setlhare sa Moologa.

Kgosi Telekelo o boletse fa mabele aa isiwang ke morafe ko kgosing e le o ne a dirang bojalwa fa a salang a busetswa ko dikgotlaneng gore dikgosana di thuse ba ba welang mo isong ko dikgotleng tsa tsone.

O kopile gore dikgosana di tsenye leitlho gore ba ba tlhokang ba thusiwe.

O boletse fa morago ga dikgafela kgosi a bo a bolotsa letsema.

Fa morafe o akgela o akgotse thata gore go nne le dikgafela di harologane le letsatsi la ngwao, mme ba ngongorega gore morafe otlhe wa bangwaketse ba tshwanetse gore ba agele mafoko a kgosi mosako.

Ba ngongoregile ka botlhokatsebe ga banana mo Kanye.ba kopile gore batsadi ba thuse mapodise go lwantsha seemo.

Mogolwane wa mapodise Senior Superintendent Ruben Mphoeng o boletse fa bana ba tswa mo malwapeng, a kgala batsadi go bitsa bana ba ba bitsang bana maina ina e kare ke poko.

O kopile gore batsadi ba thusane le mapodisi go lwantsha seemo go laya bana le go ba tlhokomela.Ends

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Pitso

Date : 07 Sep 2017