Breaking News

Mothusa tona o kopa ba Masunga

07 Sep 2017

Batswana ba kopilwe go tshwaraganela mokgweleo wa go tlhabolola metse le dikgaolo tsa bone ga mmogo le lefatshe ka bophara.

Kopo eo e dirilwe ke mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo gape e le mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Biggie Butale a tshwere diphuthego tsa kgotla kwa Moroka, Mapoka le Nlapkhwane kgwedi eno e tlhola gatlhano.

O kopile banni go itse fa lefatshe leno le santse le lebanwe ke tlhaelo ya madi, ka jalo ba tshwanelwa ke go abelana megopolo tebang le go dirisa bonnyenyane jo ba tla bong ba na le jone.

A re e re ka jaana puso e tsere tshwetso ya go abela kgaolo nngwe le nngwe P10 million go o kgaoganya ka metse go diragatsa ditlhabololo dingwe, go mo maruding a banni go tlhomamisa gore ba buisana le go abelana megopolo ka fa ba tla dirisang ka teng madi a a abetsweng metse ya bone.

Rre Butale o ba gakolotse go dirisa madi ao mo go diragatseng ditlhabololo tse ba di eleditseng, a re sepe se ba tla se tlhophang mme sa seka sa wela, ba itse fa ba tla se tsweledisa mo legatong le le latelang la kabo ya madi ao, ka jaana a abiwa ngwaga le ngwaga.

O ne a tshwaela jalo a tsibogela matshwenyego le dikopo tsa banni, a re ka ntlha ya tlhaelo eo ya madi ba itse fa dingwe tse ba di eleditseng mo motseng ya bone, di tla sekasekiwa mo tsamaong ya nako.

Mabapi le seemo se se tshwentseng banni ba metse eo sa tsela e e fetang ka metse ya bone ya Mulambakwena/Ramokgwebana, Rre  Butale o ne a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya go  nna e tsaya madi a lekgetho la leokwane go itebaganya le go dira ditsela tsa lefatshe leno ka bophara.

A re seo se raya gore le yone tsela eo e tlaa dirwa ka go tlhatlologana ga malatsi, a tlatsa gape ka gore mabapi le dikgang tsa metsi, puso e tsere tshwetso ya go adima madi kwa bankeng ya mafatshe go itebaganya le go tokafatsa seemo sa metsi.

Rre Butale o ne a itsese banni fa tsela ya Tshesebe/Masunga e simolotse go dirwa, mme a re ka jalo bana ba kgaolo ba tla nna le sebaka sa go nwa moro mo go dirweng ga tsela eo ka go bona ditiro fa e tsweletse ka go dirwa.

O ne a tlhalosa fa go dirwa ga tsela eo, go tlaa lere ditlhabololo le go thusa go tsholetsa itsholelo ya kgaolo gammogo le go oketsa papadisanyo magareng ga metse ya kgaolo ya Bokone Botlhaba.

Mo go tse dingwe, Rre Butale o ne a kopa kemonokeng mo banning ba kgaolo ya gagwe tebang le maikaelelo a gagwe a go tsaya mosepele o o duelelwang ka baesekele go tswa Masunga go ya Gaborone, go leka go kgobokanya madi a go rekela dikolo tsa kgaolo ya gagwe dikhomputara, a bolela fa a tla tsaya mosepele oo ka kgwedi ya Phalane e ya fifing monongwaga.

Rre Butale o ne a bo a tlhatlhelela banni ka melawana mengwe e e fetisitsweng kwa palamenteng.

Banni ba metse eo ba ne ba ikuela ka dilo di le mmalwa tse di akaretsang borukutlhi jo bo yang magoletsa mo metseng ya bone, ka jalo ba kopa go okelediwa palo ya mapodisi mo motseng. Ends

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Dphuthego tsa kgotla

Date : 07 Sep 2017