Bogogi jwa Zutshwa bo ngongoregela melelo ya naga
07 Sep 2017
E re ka paka ya mariga e tlwaelesegile ka go tlhoka bojang, monongwaga ke se sele ka dipula di dikile di gosomane mme bojang le jone jwa gola ka mmetela.
Sebe sa phiri ke gore bo nna borai ka paka ya melelo ya naga ka e felela e nna boima go laolesega.
Mo potsolotsong le BOPA Kgosi wa Zutshwa, Kgosi Johannes Motlhaetsi o tlhalositse fa motse wa gagwe o ikaegile thata ka dipoelo tsa khamphani ya letswai go thusa go tlhabolola motse mme ba ikaeletse go atolosa letseno la bone ka bojanala.
Le fa go le jalo, Kgosi Motlhaeletsi o tlhalositse fa ba tsenwa ke letshogo ka seemo sa melelo mo motseng ka o baya mohama wa bojanala mo kgaolong ka fa mosing ka gore ditsa-tlholego tse ba ka ithusang go ngoka bajanala ka tsone di felela di nyelela ka ntlha ya melelo eo.
A re melelo e, e baya matshelo a banni mo diphatseng ka jaana ditshimo le leruo di felela di amega mo bangwe ba salang ba itshopere go sena se ba itshetsang ka sone.
O tlhalositse fa melelo gantsi go belaesega e bakwa ke batho ba ba tsomang ntle le teseletso ka jaana go supagala fa ba a bo ba batla go senola metlhala ya diphologolo mme se se felele se baka melelo e e sa laolesegeng.
Kgosi o kopile maphata a puso le banni ba motse go tshwaraganela go tima molelo go babalela di-tsa tlholego tse di ka thusang go godisa itsholelo ya metse ya bone gammogo le go godisa itsholelo ya lefatshe ka bophara.
A re go tlhagoga ga melelo go baka dikgotlhang gareng ga barui le diphologolo tsa naga ka jaana di felela di tshabela kwa motseng mme di felele di tlhorontsha banni fa dibatana dingwe tsone di felele di bolaya loruo.
Kgosana Jacob Mokgorise wa Zutshwa, o supile fa melelo ya naga e ba apesitse kobo ka letshoba le fa ba lephata la dikgwa ba lekile bojotlhe go lwantsha melelo eo.
O kaile fa melelo eo, e kekela ka monokela mme ba nna ba le malala a laotswe ka ba tlhophile setlhopha sa banana ba lesome go thusana le lekoko le le ntshitsweng ke lephata la dikgwa go lwantsha melelo.
A re ga ba ise ba nne le dikgang dipe tsa batho ba ba amegileng mo melelong le fa ditshimo dingwe di setse di fisitswe ke melelo mme ka lesego bontsi bo ne bo setse bo robile. Ends
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : Potsolotso
Date : 07 Sep 2017






