Breaking News

Barui ba lela ka bogodu jwa ditonki

07 Sep 2017

Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui kwa masimo a Makoro gaufi le Palapye, Mme Tshiamo Tabona a re ba lela selelo le khuranyo ya meno ka bogudu jwa ditonki jo bo golelang pele koo.

Mme Tabona o tlhaloseditse BOPA fa bogodu jwa ditonki bo kekela mme go lemotshegile fa batho ka bontsi gompieno ba amogetse go ja tonki e bile bangwe ba e rekisetsa batswakwa.

A re bogodu jo bo ba apesitse kobo ka letshoba ka go bo matshelo a bone kwa masimo a ikaegile ka ditonki.

O supile fa bogodu jwa ditonki bo amile go lema, go gelela metsi, go rwalela dikgong go rekisa, e le nngwe tsela ya go itshetsa mme e bile go amile le motsamao wa bone ka tonki e le sone sepalamo.

A re se se ngomolang pelo ke go bo magodu a ditonki ba kgaola terata e e laolang metsamao ya leruo bosigo mme ba di gatelele di le mokawana.

O supile fa go kgaolwa terata e e laolang motsamao wa leruo go baya leruo la bone mo diphatseng tsa go thulwa ke dikoloi ka go bo masimo a bone a le fa tlase ga tsela ya A1.

A re gangwe le gape fa ba kopane e le komiti ya balemi- barui kwa Makoro, barui ba supa matshwenyego a go nyelela ga ditonki, a tlhalosa fa go setse go utswilwe ditonki di feta masome a mabedi

O kaile fa maiteko a go tshwara magodu a itaya sefololetse, sebe sa phiri e le go bo tirisano mmogo mo baruing le sepodisi e reketla.

Mo go tse dingwe, Mme Tabona o kgadile balemi bangwe kwa Makoro ba ba lemang ka lenaneo la ISPAAD mme morago ba phuaganye temo.

O supile fa balemi bao ba le matlhagatlhaga ka nako ya fa go bewa tema mme morago ba boele gae go bereka ditiro tsa kwa gae.

A re tshimo e tlhoka go tlhokomelwa, ka jalo balemi ba tshwanetse go tlhomamisa ka nako tsotlhe gore ba ntsha mhero mo masimo le go bona gore legora la tshimo le mo seemong se se siameng.

A re tshenyo e e bakwang ke dikgomo ke ka ntata ya go tlhoka go tlhokomelwa ga masimo.

Mme Tabona o supile fa nako dingwe beng ba masimo ba tlogela ditshimo mo diatleng tsa badisa, mme ba ye gae, seo se dire gore modisa le ene a nne kwa ga motlhakga.

O kaile fa go tlogela tshimo le modisa go baka kgotlhang gareng ga modisa le mhiri ka go bo tumalano e ne e le go tlhokomela leruo e seng tshimo.

A re go ngomola pelo go bo puso e dirisa madi a mantsi ka lenaneo la ISPAAD go ntsha Batswana mo lehumeng mme bangwe ba tsweletse ka go busetsa maiteko a puso kwa morago ka go sa tlhokomeleng masimo a bone.

O kaile fa puso e tshwanetse go baya balemi ba go nna jalo leitlho gore ba tseelwe dikgato tse di maleba fa go tlhokega.  Ends

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 07 Sep 2017