Breaking News

Obamelang matshwao a tsela

07 Sep 2017

Mogolwane wa mapodisi kwa Maun, Senior Superintendent Samuel Kgomo a re ga ba jesiwe diwelang ke dikotsi tsa tsela tse di golelang pele mo kgaolong ya gagwe.

O boletse mo potsolotsong fa bontsi jwa dikotsi di bakwa ke bakgweetsi ba ba sa obameleng matshwao a tsela fa bangwe ba kgweetsa ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya dinotagi.

A re seemo seo se a tshwenya ka jaana batho ba latlhegelwa ke matshelo le ntswa dikotsi di ne di ka kganelwa.

O ikuetse mo bakgweetsing go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe go kganela dikotsi.

Senior Superintendent Kgomo o kopile gape setshaba go dirisanya le mapodisi go lwantsha dikotsi tsa tsela.

O kgadile gape batho ba ba kgweetsang ba nole, a re go supa go tlhoka boikarabelo.

Le fa go ntse jalo, mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe wa kgotla ya Shashe mo Maun a latlhegetsweng ke botshelo morago ga gore koloi ya gagwe e thulane le e nngwe ka mafelo a beke.

Senior Superintendent Kgomo a re kotsi eo e diragatse fa moswi a ne a tsamaya ka koloi ya Corolla, mme a leka go tsena mo tseleng mo marakanelong a ditsela, mme koloi e nngwe ya modiro wa Ipsum, e e neng e ya kwa mmolong ya thula ya gagwe mo lotlhakoreng.

A re moswi o ne a pegile bomme ba le babedi mme boraro joo bo ne jwa ragosediwa kwa kokelong.

Mokgweetsi o ne a tlhokafala fa mopagami yo mongwe a ne a thusiwa a bo a gololwa, mme yo mongwe o robaditswe ka dikgobalo tse di masisi.

Mogolwane wa sepodisi a re fa ba tshwantshanya le ngogola, ba gatisitse dikotsi tse di kwa tlase mo tshimologong ya ngwaga fa gompieno dipalo di ile godimo.

A re ngogola dikotsi di ne di diragala kgapetsakgapetsa le ntswa dikganedi tsa tsela a ne a dirwa nako le nako. Ends

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 07 Sep 2017