Kereke e tshwanetse go nna sekao - Mmamadi
07 Sep 2017
Ramapodisi a Mahalapye, Rre Isaac Mmamadi a re kereke e tshwanetse go nna le bokao le mowa wa bopelotlhomogi mo setshabeng.
Rre Mmamadi o buile mafoko a kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome mabedi tsa kereke ya St Five Porticoes Zion Church mo Mahalapye ka mafelo a beke.
O tlhalositse fa kereke e tshwanetse go bonwa ka ditiro tse di siameng, e bile e itebagantse le go lwantsha dikgwetlho kgotsa dilo tse di maswe tse di diragalang mo setshabeng.
Rre Mmamadi a re go ipelela dingwaga tse di masome mabedi ke sengwe, mme a re ba setse ba itshetletse mo ba ka thusanang le puso go lwantsha borukutlhi, dipolao, malwetse le lehuma le le aparetseng Batswana.
A re Mahalapye ke mongwe wa metse e e wetsweng ke borukutlhi, bogolo jang jwa bana ba dikole, ka jalo a kopa gore ba eme ka dinao go ruta bana molemo le bosula ba sa le bannye.
Rre Mmamadi a re bana ka bontsi ba tsamaya ka dithipa, ba nwa nnotagi, le go dirisa diritibatsi di tshwana le motokwane, mme se se ba tlhokise tsebe.
O ba kopile go tsena kwa dikoleng, go rapedisa seemo se ka jaana se dule mo taolong.
O ne a tlhalosa gape gore kereke e tshwanetse ya nna le seabe se setona mo matshelong a batho, ka ba romilwe ke Modimo mme ba tshwanetseng go nna sekao le lorato mo go bangwe ka bone.
A re dikereke ka bontsi mo nakong ya gompieno di runyarunya gongwe le gongwe mme e bile dingwe tsa tsone di tseela batho madi le gone go tlhoka go ba tshedisa sentle.
A re mapodisi a nna le dikgang tse dintsi tse di amang dikereke mo Mahalapye, a re dingwe go twe di a tlhodia fa dingwe go twe di tseetse batho madi.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya kgotlana ya Bokaa mo Mahalapye, Rre Orelebile Baatweng o ne a galaletsa kereke ya St Five Porticoes Zion go bo e ipelela dingwaga tse di masome mabedi e ntse ele teng.
Rre Baatweng le ene a re nako e tsile jaanong gore e le kereke ba tlhabolole matshelo a batho ba ba tshelang le bone gammogo le tikologo go thusana le puso.
A re puso e ka se kgone e le nosi mme e ka kgona fa dikereke le makalana a mangwe di tsenya letsogo.
O ba kopile go tshwaraganela botshelo jwa motho, bogolo jang thata le banana ba Mahalapye go ba tsenya mo tseleng, a ba kopa go ba gogela kwa dikerekeng.
E rile a tswa la gagwe, motlhami le mookamedi wa kereke eo, Bishop Bushi Obuseng a tlhalosa fa kereke ya gagwe e tlhamilwe ka 1997. Bishop Obuseng a re le bone fela jaaka Batswana ba ba nang le boikarabelo e bile ba reetsa ditaelo tsa puso, ba bone go le botlhokwa go keteka letsatsi le la bone ka Lwetse e e leng kgwedi ya dithapelo.
A re e le kereke ba rotloetsa mowa wa bopelotlhomogi le go nna sekao mo lefatsheng, a tlatsa ka go re ba rotloetsa moono wa puso wa go itlhatlhobela malwetse le go tsaya kalafi ka fa ditaelong tsa dingaka. Ends
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Moletlo
Date : 07 Sep 2017






