Breaking News

Billy o kopa morafe go thulanya ditlhogo

07 Sep 2017

Lekoko la palamente la tokafatso matshelo a batho le mo loetopng lwa go tsamaya le tsaya megopolo mo setshabeng go ka tokafatsa matshelo a batho.

Modulasetilo wa lekoko leo, Rre Buti Billy yo o neng a etetse Selebi Phikwe a patilwe ke maloko a komiti ya palamente a re toropo ya Selebi Phikwe ke nngwe ya mafelo a lekoko le boneng go le botlhokwa go tla go thulanya ditlhogo le banni go tswa ka megopolo e e ka tokafatsang matshelo a bone.

Rre Billy o ne a buisa morafe, baeteledipele ba toropo, dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse le bommaboipelego.

Rre Billy, yo gape e leng mopalamente wa Francistown Botlhaba, a re banni ba Selebi Phikwe le ba mafelo a mangwe, ba ne ba ikaegile thata ka moepo wa BCL o mo nakong ya gompieno o sa tlholeng o dira, a tlhalosa fa se se dirile gore dipalo tsa botlhoki le lehuma di gole.

Mopalamente Billy o ne a tlhalosa fa mananeo mangwe a a diretsweng go namola batho mo tlaleng a sa dire se se solofetsweng, mme a tlhalosa fa therisano le morafe di ka dira gore go duwe ka megopolo le dikakanyo tse di tsamaelanang le maikutlo a batho go tokafatsa ka fa go ntseng go dirwa dilo ka teng.

A re e le mapalamente ba filwe boikarabelo jwa go bona gore a ditlamelo tsotlhe tse di isiwang kwa setshabeng di a goroga e bile e le tsa boleng jo bo rileng.

Rre Billy o ne a tswelela a tlhalosa fa tiro ya bommaboipelego e le ntsi, mme ba e dira ba ikaegile ka melawana e e ba kaelang, a re se se dira gore golo gongwe ba kgopakgopetsane le ba ba tlhokang thuso ya bone, a tlhalosa fa melao mengwe e tshwanetse go baakanngwa go tsamaelana le diemo tsa gompieno.

O ne a rotloetsa bommaboipelego go tshwaragana le go bereka thata le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, a tlhalosa fa maloko a gompieno e le ba ba nang le dikitso tse di rileng.

A re bangwe ba bone ke badiri ba ba tlogetseng tiro ka bogodi.

A re ke bone ba ba itseng matshelo a batho ba ba tshelang nabo, mme se se ka ba tlhofofaletsa tiro

Rre Billy a re batho ba le bantsi ba amogetse mananeo a nyeletso lehuma mme bontsi jwa bone ga ba a boelwa ke sepe mo go one ka mabaka a melao mengwe e e kgopakgopanang. A re se se batla go elwa tlhoko le go baakanngwa, mme ba ka dira jalo ka go thusana le morafe.

Mongwe wa bommaboipelego, Mme Wame Pako a re nako e gorogile gore bommaboipelego ba isiwe dikoleng go ya go ithuta ka tsa kgwebo, a re se se ka ba tlhofofaletsa tiro ka ba ka kgona go thusa ba ba ba neelang ditirelo.

Kwa bofelong, lekoko la mapalamente le ne la tlhalosa fa megopolo yotlhe e ba e phuthileng ba ya go e rolela palamente go e sekaseka. Ends

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 07 Sep 2017