Masalela o santse a anwa FAP moro
07 Sep 2017
Puso e tswa kgakala e tshwere ka natla go dira mananeo a a farologanyeng a maikaelelo a one e leng go bona gore seemo sa itsholelo sa Batswana se a tokafala.
Lengwe la mananeo a puso e setseng e a dirile mo malobeng go thusa Batswana go intsha mo lehumeng ke la Financial Assistance Programme (FAP) le Mme Gabodirelwe Masalela wa moroki a le akotseng.
Fa a bua mo potsolotsong, Mme Masalela wa Palapye a re morago ga gore puso e mo thuse ka P65 000 go reka didirisiwa tse di rokang kapari ka 2001 ka lenaneo la FAP, o ne a itlama gore o tlaa pepetletsa kgwebo ya gagwe mme e bile a emelane le kgwetlho nngwe le nngwe e a kopana le yone, kgang kgolo e le go bona gore botshelo jwa gagwe bo a tokafala.
Mme Masalela yo o dingwaga di masome mane le bobedi a re mo dingwageng tse di kwa morago kgwebo ya gagwe e ne ya wela tlase ka ntata ya go tura ga lefelo le a neng a direla kgwebo mo go lone mme a seka a latlhela seditsi.
E re ka go twe maano a botshelo ga a site, Mme Masalela a re tshwetso mo kgwetlhong e a neng a kopane le yone ya nna gore a dirise lefelo la gagwe la bonno go direla kgwebo mo go lone, selo se a tlhalositseng fa se mo thusitse go tsepama mo lenaneo mme e bile a supa fa kgwebo e dira sentle.
A re go fudusetsa kgwebo mo lapeng go mo thusitse gore a kgone go boloka lemme kwa bankeng le a neng a le dirisa go duela lefelo le a neng a direla mo go lone pele.
Mme Masalela yo kgwebo ya gagwe e itsegeng ka leina la Kanemo Fashion Design o itebagantse le go roka kapari e tshwana le ya manyalo, sekole, dikhwaere, meletlo e e faphegileng le e moreki a ka eletsang go e roka.
O supile fa botsipa le botswere jwa go roka kapari a bo amule kwa Palapye Technical College e ka nako eo e neng e bidiwa Palapye Vocational Training Centre fa a dira dithuto tsa Fashion and Fabrics.
O iteetse puso legofi go bo e rotloetsa mananeo a e a ntshitseng go tlhabolola matshelo a batho, a supa fa dinako dingwe khansele potlana ya Palapye e mo fa sebaka sa go segela baithuti ba batlhoki le masiela mo dikoleng tse dikgolwane kapari ya sekole, selo se a kaileng fa se dira gore kgwebo e gole.
O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e e nang le dingwaga di le lesome le borataro e dira, e fetotse botshelo jwa gagwe go menagane, a supa fa a kgona go tlhokomela ba lelapa la gagwe le go ba agela fa ba bayang tlhogo teng.
Lenaneo la FAP le kgonne go fetola matshelo a badiri ka ene ba le bararo ba a ba thapileng mme seo se netefatsa gore maitlamo a puso a go tlhamela Batswana ditiro ka mananeo a atlega.
Mme Julia Thebe wa Radisele yo e leng modiri wa Kanemo a re o itemogetse phetogo ya botshelo morago ga go bereka le Mme Masalela.
A re go le pele o ne a bereka dikhamphani ka go farologana mme a sa kgone go tsaya lebaka golo go le gongwe fela, sebe sa phiri e le go bo bogogi jwa dikhamphani tseo bo ne bo sena tirisano mmogo e e lolameng.
A re mohiri wa gagwe mo bogompienong, o dirisana le bone sentle mme e bile lemme la bone ba le bona ka nako, selo se a tlhalositseng fa le bone se ba thusa go tlamela ba malapa a bone ka nako e e tlhokafalang.
Mme Thebe yo o dingwaga di masome mabedi le boraro o kaile fa e setse e le ngwaga wa bone a bereka le Mme Masalela mme go sena makgwere ape fa a tshwantshanya le kwa a neng a direla teng pele.
Fa a tswa la gagwe, Mme Kemmonye Molosiwa yo le ene e leng mongwe wa badiri ba ga Mme Masalela, a re ba ba nnileng le lesego la go akola mananeo a puso go mo maruding a bone go bona gore ba tlhabolola matshelo a ba bangwe ka go ba tlhamela ditiro.
Mme Masalela o kgadile a sa kgwe mathe ba ba akotseng mananeo a puso mme kwa pheletso ba phuaganye dikgwebo fa ba kopana le dikgwetlho, a supa fa kgwebo e tlhokana le bopelotelele, lerato le tirisanyo mmogo magareng ga mogwebi le bareki gore e kgone go gatela pele. Ends
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 07 Sep 2017






