Breaking News

Kereke e bopaganya setshaba - Markus

05 Sep 2017

Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Kostantinos Markus a re kereke ke yone fela e ka bopang sechaba le go tsisa thitibalo le ledula gareng ga batho.

E rile a bua kwa tshimolodisong ya kago ya UCCSA ya lekalana la Boseja Local Church mo Maun bosheng, Rre Markus a rotloetsa maloko go tlhoafalela go sokololela batho ba Kgotla ya Boseja mo kerekeng, ka se e tlaa bo e le go tsweledisa letsema la go bopa sechaba le go direla Modimo, selo se se rotloediwang thata ke puso.

Mopalamente o kgothaditse maloko a kereke eo go thusa mo kagong ya kereke ya bone, mme ba dira jalo ka go itse fa go le sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

O tlhalositse fa go ne go le thona go tlhoka lekalana la kereke ya UCCSA mo Boseja, ntswa e le yone nngwe ya dikereke tsa ntlha go tlhoma mo lefatsheng leno.

Fa a itebaganya le ba khamphani ya Lempehu Investments, Rre Markus o ne a ba lebogela go thusa UCCSA ka P20 000.

A re se ke sesupo sa boikarabelo jo bo kwa godimo, ka dikhamphani di tshwanetse go thusa setshaba se di direlang mo go sone le go tshwaraganela go tlhabolola motho le puso.

Lempehu Investments ke khamphani e e agang tsela ya dikhilomithara tse di masome marataro le bongwe go tswa mo Maun go ya Makalamabedi, mme e kampile mo Chanoga.

Khamphani e, e e leng ya Motswana, e akgoletswe maiteko a yone a go thusa setshaba gongwe le gongwe fa e direlang teng.

Mopalamente Markus le ene o ne a abela kereke dikgetsi tsa semente di le masome mane.

Fa a ntsha la gagwe, mogolwane wa Lempehu Investments, yo o okametseng tiro ya kago ya tsela, Rre Dimetse Champe o tlhaloseditse ba kereke ya UCCSA fa mo mererong ya tsa kago go le botlhokwa go tshwara nako e e beilweng go fetsa dikago, ka se se ka tila ditshenyegelo tse di sa tlhokafaleng.

Rre Champe o bile a kgothatsa moagi go dira ka botswerere e bile a sa itlhokomolose go ntsha maduo a tlhwatlhwa e e kwa godimo, ka se se ka dira gore kago ya kereke eo e se ka ya nna ya baakangwa ga ntsi, ka se se ka senya madi.

Le fa go ntse jalo, Mme Kehumile Leesemane yo e leng motiakone mo UCCSA, a re pleano la go aga kereke ya Boseja e tsisitswe ke go sokola ka lefelo la kobamelo.

O tlhalositse fa ba ne ba obamela ko sekoleng se segolwana sa Maun, mme se se ne se raya gore fa gare ga beke, fa bana ba sekole ba le teng, mekgatlho ya kereke e ne e tlhoka fa e tsenelang teng.

Selo se se ne sa ba gwetlha go senka lefelo le ba ka agang kereke mo go lone.

Mme Leesemane o ne a tlala ka boitumelo a tlhalosa fa kago ya kereke eo e raya gore le fa diphefo kgotsa dipula di ka tla mekgatlho e tlaa tswelela ka go kopana ka tshosologo. BOPA

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MAUN

Event : Tshimolodiso ya kago ya kereke

Date : 05 Sep 2017