Dikgafela di rotloetsa temo
05 Sep 2017
Mothusa tona wa temo-thuo le tlhabololo dijo, Rre Kgotla Autlwetse o galaleditse Bakgatla ba ga Mmanaana kwa Moshupa mo maitekong a bone a go tshegetsa ngwao ya go ntsha Dikgafela.
Rre Autlwetse yo gape e leng mopalamente wa Serowe bokone e ne e le sebui sa tlotla ka letsatsi la go ipelela le go ntsha dikgafela kwa Moshupa ka Labotlhano.
O boletse fa tsamaiso ya bogosi ya go bitsa dikgafela e le botlhokwa ka gore e rotloetsa morafe go ntsha dijo mo masimo, a re tsamaiso ya teng e tsamaelana le tiro ya ephata la gagwe ka gore ba rotloetsa morafe go lema dijo.
A re mo ditsamaisong tsa batsalwapele go ne go tshwanela e bile go se thona gore batho ba tsee tsela e e tsamaiwang ke ba bangwe, e bile kgosi e ne e le molaodi le mokaedi wa morafe wa gagwe.
Rre Autlwetse o tlhalositse fa lefoko la kgosi le agelwa mosako, a tlhalosa gore fa kgosi a kua mokgosi kwa kgotleng morafe o ne o sa botse, o tshelesegela ka makatlanamane.
A re boitsholo jo, bo ne bo tsisa thokgamo, tirisano mmogo le lerato mo morafeng wa maloba.
O boletse fa dikgosi di na le seabe se segolo mo morafeng ka gore ba lebeletse morafe gore o tsogile sentle, o na le dijo tse di lekaneng, a bolela fa motho a aja mohuhutso wa phatla ka temo-thuo.
Rre Autlwetse o tlhalositse fa lephata la gagwe le phutholotse letsogo ka go ntsha mananeo a temo-thuo gore Batswana ba a akole.
O boletse fa mananeo a tshwana le ISPAAD a ntsha Batswana mo lehumeng fa ba a dirisa sentle e bile a ka ba direla mebereko le go ntsha dijo.
O boletse fa lefatshe leno le ise le ntshe dijo tse di lekaneng mme ba ikaegile ka dijo tse di tswang mafatsheng a magwe.
O ngongoregile ka batho ba ba lemelwang mahala mme ba phuaganye masimo go ya go bereka Ipelegeng.
O boletse fa banana ba sa tsee temo-thuo ka tlhoafalo mme e le yone e ka ba hirang le go ntsha dijo.
Fa a bua ka maikaelelo a Dikgafela, Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa a re go botlhokwa go ipelela dikgafela ka di supa konokono ya botshelo jwa Motswana ebong temo-thuo le go ja mohuhutso wa phatla.
Kgosi Mosielele a re dikgafela di supa mowa wa boipelego o Batswana ba tswang kgakala ka one, ka jaana ba ne ba itshetsa ka go lema ba sa ikaega ka go fiwa ke puso.
O boletse fa bogologolo dikgosi di ne di rotloetsa morafe go lema dijo.
O lebogetse lephata la temo- thuo le la banana go bo ba ba eme nokeng thata mo go lemeng le go itlhabolola.
O boletse fa motho a ka huma ka temo go na le go ikaega ka Ipelegeng. BOPA
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MOSHUPA
Event : Moletlo wa Dikgafela
Date : 05 Sep 2017






