Botlhe ba tsile go thusiwa ka mananeo
05 Sep 2017
Mongwe le mongwe yo o tshwanetseng go thusiwa ka mananeo a puso a nyeletso lehuma mme a ise a thusiwe o tsile go bona dithuso pele ga lenaneo le ya bokhutlong.
Mafoko a, a builwe ke mogokaganyi wa lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, Mme Kagiso Senthufhe kwa ditshupong tsa lenaneo la nyeletso lehuma tsa kgaolo eo bosheng.
Mme Senthufhe a re go setse go kwadisitswe batlhoki ba kgaolo- potlana ya Mahalapye ba le 4 351, mme mo go bone ba le 1 659 ba setse ba kgonne go thusiwa ka didirisiwa kgotsa madi a go ka simolola dikgwebo.
O tlhalositse gore mo dipalong tsa ba ba setseng ba thusitswe, ba le 1 188 ba tsweletse pele e bile ba setse ba kgona go itshetsa ka tsone le go tlhabolola matshelo a bone.
A re puso e dira ka gotlhe go dira gore botlhe ba ba iseng ba bone dithuso ba di bone ka bonako lenaneo le ise le wele.
O tlhalositse fa e rile puso e lemoga fa go na le Batswana ba ba aparetsweng ke lehuma, ya simolodisa mananeo ka go farologanya go bona gore e ka ba thusa jang gore le bone ba kgone go tshela sentle.
Mme Senthufhe a re mananeo a rotloetsa gape le dikgwebo tse di potlana gore di itsetsepele mme beng ba tsone ba kgone go thusa malwapa a bone le go thapa ba bangwe.
O ne a tlhalosa gape gore go thusiwa Motswana mongwe le mongwe yo e reng a kanokwa a fitlhelwa e le motlhoki, ba-na-le bogole mme ba supa kgatlhego e bile ba le dingwaga di feta lesome le boferabobedi.
E rile a tswa la gagwe, Kgosi Duncan Segotsi a tlhalosa fa puso e dira ka gotlhe go nyeletsa lehuma mo Batswaneng.
Kgosi Segotsi a re puso e boloka batho ka go ba thusa go kgona go ikemela go fokotsa go kopa mo go ba bangwe, mme ya ntsha mananeo a batho ba ka itsetsang ka one.
A re mananeo a nyeletso lehuma a thusa batho go inamola lehuma ka se bone ba bonang se ka ba solegela molemo, mme ka jalo a kopa ba ba setseng ba akotse mananeo go rotloetsa ba bangwe.
Kgosi Segotsi a re bangwe go lebega ba sena kgatlhego ya go tsenelela mananeo a, ka ba tlhajwa ke ditlhong mme a tlhalosa gore ga go sepe se motho a ka se itirelang fa a sa batle bangwe ba se bona.
O ne a galaletsa ba ba neng ba tsisitse disupiwa gore ba dira sentle go tswela kwa ntle gore ba bangwe ba bone bone gore ga go na sepe se se ditlhong ka go thusiwa ke puso.
A re ba dirile sentle ka go tswela kwa ntle gore ba bonwe ka e bile moo go tsile go godisa dikgwebo tsa bone ba bo ba ithuta mo go ba bangwe gore bone ba tsweletse jang.
A re kgwebo e tsamaya sentle fa e tswela mo pontsheng, a rotloetsa gore gape ba itirele leina gore kamoso ba bo ba itsiwe mme bangwe ba tseye malebele kgotsa ba reke mo go bone.
Kgosi Segotsi on e a akgola gape le badirelapuso ba ba isang mananeo kwa setshabeng go tswelela ka tiro e ntle e ba e dirang ka ba emetse e bile ba tshwere madi a puso go boloka Batswana.
Ditshupo tseo, di ne di tseneletswe ke ba ba thusitsweng e bile ba tsweletse sentle ba supa merogo, diaparo, mekgabisa, dipodi gammogo le ditlhare.
Mongwe wa ba ba neng ba tsisitse disupiwa go tswa kwa Maape, Rre Michael Moshabi o ne a galaletsa lenaneo la nyeletso lehuma, a tlhalosa fa le mo thusitse fela thata e bile a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe.
Rre Moshabi a re o ne a thusiwa ka lenaneo la tshingwana ya merogo mme o tsweletse sentle ka o kgona go rekisetsa setshaba le go jesa ba lelwapa la gagwe. BOPA
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Ditshupo tsa Nyeletso Lehuma
Date : 05 Sep 2017






