Dipolasi di itsa metse go gola
04 Sep 2017
Banni ba metse ya Thankane le Samane ba kopile puso go ba tswa thuso mabapi le dipolasi tse di dikaganyeditseng metse ya bone ka di e itsa go gola.
Ba ntshitse matshwenyego ao mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke komiti ya palamente ya temo-thuo, lefatshe le bonno.
Ba supile fa dipolasi tse di dikaganyeditseng metse ya bone di itsa metse go gola mme e bile di kganela le tsone ditlhabololo tse di ka tokafatsang matshelo a bone.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Thankane, Rre Ontiretse Barolong o ne a tlhalosa fa dipolasi tseo di ba pitlaganya mme e bile di sa ba tswele mosola e le beng ba motse.
A re dipolasi tsa puso di hirisitswe mme ga ba tlhaloganye tsamaiso ya phiriso eo gore le bone ba iteke lesego.
A re ba ne ba roma lekoko go ya go ikuela kwa pusong ka jaana ba sena lefatshe la mahudiso le masimo ka lebaka la dipolasi tseo.
O tlhalosa fa go tlhoka lefatshe gape go ba busetsa morago mo ditlhabololong ka ba retelelwa ke go akola mananeo a puso a temo-thuo.
Mongwe wa banni ba motse oo Rre Basimanyana Masire o ne a iteela mafoko ao kobo moroko, a tlhalosa fa motse wa Thankane go sena kwa o golelang teng.
A re motse oo fa o simologa o ne o na le batho ba le masome mararo mme palo ya batho e a gola mme ga gona kwa ba katologelang teng.
O boletse fa gape batho ba motse oo ba tlhakaladitswe ke lenyora ka jaana dipolasi tseo di tswaletse didiba tsa metsi ka kwa teng.
O kopile puso go sekasekela batho ba metse eo ka jaana dipolasi tseo di ba hupeditse mme e bile di sa ba solegele molemo.
Rre Matshwenyego Kesamang wa komiti ya barui o boletse fa leruo le dikile le sule ka bontsi ka ntata ya go tlhoka mahulo le metsi.
A re go sule dikgomo di le makgolo a mane le masome a marataro fa dihutshane tsone go sule di le makgolo a mabedi le masome a matlhano.
A re golo mo ke poelo morago ka jaana batho ba itshetsa ka loruo, e bile le banana ba ba nang le kgatlhego mo mananeong a temo-thuo ba tlaa kgobega marapo.
O kopile puso gore e ba sekasekele gore dipolasi tse di ka thusa jang beng ba motse go na le go solegela molemo batho ba ba tswang go sele.
E rile a ba kgwa dikgaba modulasetilo wa komiti ya temo-thuo, lefatshe le bonno, Rre Ngaka Ngaka a re o dumalana le bone gore go tlhoka lefatshe go busetsa ditlhabololo kwa morago e bile go ka tsenya batho lehuma.
O ba tshephisitse gore komiti ya gagwe e tlaa feta e dira pego mme e neele ba ba maleba gore go tsewe kgato.
A re e re ka ba re ba na le dingwaga ba ngongorega ka dipolasi tseo, o na le tumelo ya gore dikgang tsa bone di tlaa tsibogelwa.
Leloko le lengwe la komiti eo Rre Mephato Reatile o ne a kopa ba kabo ditsha go nna ba sekegela dilelo tsa morafe tsebe.
O ba rotloeditse go eteletsa dikeletso tsa morafe kwa pele go na le tsa batho ka bongwe ka bongwe.
A re go dira jaana go tlaa thusa morafe go tswakanya itsholelo le gone go tsisa ditlhabololo mo metseng ya bone. BOPA
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Thankane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Sep 2017






