Breaking News

Tsamaiso ya kopo ditsha e yosi

04 Sep 2017

Tsela ya go tsenya kopo ya setsha e nngwefela e bile e tshwanetse ya salwa morago.

Mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Bamangwato mo Letlhakane, Rre Gotlhe Dikaelo o tlhalositse jaana bosheng mo phuthegong e e neng e buiswa ke mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo

Lelatisitswe kwa kgotleng ya Tawana Bophirima.

O supile fa go sena molao o o letlelelang motho go ipaya, a tlhalosa gore le fa motho a ka tswa e le lekgwelwa, kana a sena masika, seo ga se mo fe tetla ya go ipaya.

Rre Dikaelo o supa gore fa moikopedi a tla ka thulaganyo e e lolameng e e tlhaloganngwang ke Motswana mongwe le mongwe o a bewa.

A re ope yo o tlang ka thulaganyo ya boipelego o a bewa, mme a re sebe sa phiri ke gore kabo ditsha e lebanwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la madi a go duela ditsha tse di tserweng mo go beng.

O ne a tlhalosa fa go na le mabaka a a diang gore peo ya ditsha e ka tsweledisiwa, jaaka go potiela ditsha le go dira moalo, a supa fa go bewa ditsha ka go tlhatlologana, a tlatsa ka gore la bofelo go bewa ditsha mo Letlhakane ke ka 2006.

Rre Dikaelo a re go na le batho ba ba neng ba tswa kwa dipolasing ba bo ba ipaya mo Letlhakane, mme a re batho bao ba a itsewe e bile ba a sekasekelwa gore ba ka thusiwa jang.

A re go na le ba ba tswang kwa magaeng a bone le mo malwapeng a bone ba bo ba tla go ipaya mo Letlhakane, a supa fa go ipaya go ile magoletsa mo o ka reng go a gaisanwa.

O ne a kaya gore bontsi jwa batho fa ba bona lekgotla la kabo ditsha le leka go baakanyetsa go thusa bomaipaafela, ba simolola go thibelela ba ipaya ka tumelo ya gore tsela e e bofefo ya go bewa setsha ke go ipaya.

Moplamente Lelatisitswe o ne a gatelela ka go tlhalosa fa tsamaiso ya peo ditsha e dirwa ka mealo, mme se se dire gore thulaganyo e tsee nako e ntsi.

O tlhalosa fa se se felela se dira gore Batswana ba nne mo kgatelelong ka ntata ya go tlhoka lefatshe mme ba iphitlhele e le bomaipaafela.

Rre Lelatisitswe a re diemo tsa kabo ya lefatshe di a sekasekwa go bona gore ba ka thusiwa jang.

A re fa go dirwa ditshekatsheko go bo go fitlhelwa mongwe a na le setsha mme a ipeile, seemo se se ka ba baya ka fa mosing.

A re go na le bangwe ba e leng gore ke banana mme ba dule kwa malwapeng a batsadi, bangwe ba tswa kwa magaeng a bone, fa bangwe ba tswa kwa Selebi Phikwe go tla go batla ditiro mme ba bo ba felela ba ipaya.

O ne a tlhalosa fa go na le bangwe ba ba tswang kwa merakeng e ba neng ba direla kwa go yone, mme ba iphitlhetse e le bomaipaafela.

O rotloeditse ba ba tsentseng dikopo go nna ba tlhola gore ditsha tsa bone di bokgakala bo kae le go bewa, ga mmogo le go itshwaraganya le dikgosi, komiti ya ditlhabololo tsa motse, a re se se ka thusa gore e re go gatelwa pele go bo go tshwaraganwe.

Mokhanselara Boitshwarelo Mopedi a re go ipaya go dirile gore go nne le tlhakatlhakano, ka bontsi jwa dinomore tsa ditsha di ne di farologana le moalo.

Mongwe wa bomaipaafela, Mme Sandra Marata o supile fa e le khutsana mme e bile a tlhokomela bomonnawe, seemose se se dirileng gore a felele a nna maipaafela ka a tlhokile thuso kwa go ba boipelego. BOPA

Source : BOPA

Author : Thandy Tebogo

Location : Letlhakane

Event : Phuthego

Date : 04 Sep 2017