Mapodise a tlhotlhomisa polao
03 Sep 2017
Mookamela mapodisi a Maun, Superintendent Motlhaba Ramaabya o tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe a tlhokafetseng morago ga go tlhajwa ka sengwe se se bogale ke monna wa dingwaga tse di
lesome le boferabobedi kwa kgotlaneng ya Sedie kwa Maun bosheng.
Mo potsolotsong, Supt Ramaabya o tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse Phatwe a tlhola masome mabedi le borataro ka nako ya lesome le motso bosigo kwa maitisong kwa kgotlaneng ya Sedie.
Supt. Ramaabya o tlhalositse fa monna yoo, wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi a ne a tlhaba yo mongwe ka sengwe se se bogale morago ga go tlhoka kutlwisisano.
Rre yo o tlhabilweng o ne a ragosediwa kwa sepateleng sa Letsholathebe, kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse.
Mogolwane wa sepodisi o tlhalosa fa mmelaelwa ene a tshegeditswe ke mapodisi.
E re dikgang di eme jalo, Supt. Ramaabya o ne a tlhalosa fa go ne ga thujwa ntlo ya rre wa dingwaga tse di masome mararo le boferabongwe gone kwa Maun, Phatwe a tlhola masome mabedi le borataro.
O ne a tlhalosa fa maepa ntlo ao a tsere ditlhobolo tse pedi, dibala-makgolo (laptops) tse pedi, mekgabisa ya melala le mabogo tse tsotlhe di lopang P175 000 le madi aa kanang ka P100 000.
O ne gape a tlhalosa fa gone go lebega fa magodu ao a ne a neela dintsa tsa mo jarateng eo botlhole, ka gone ga fitlhelwa e nngwe mo dintseng tse pedi tseo e sule phakela.
O tlhalosa fa ba ise ba tshware ope mabapi le bogodu jwa dilwana tseo, mme o ikuela mo setshabeng go ba thusa go tshwara dirukhutlhi tseo.
O ne gape a tlhalosa fa ba tshwenyegile ka batho ba ba didimalang ntswa ba na le bosupi le kitso e e tlhokegang ka dirukhutlhi mo motseng, a supa fa seo se busetsa lefatshe kwa morago mo go lwantsheng borukutlhi. BOPA
Source : BOPA
Author : Tshepho Botshelo
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 03 Sep 2017






