Mosielele o itumile molomo wa tlase
04 Sep 2017
Mme Tsiane Mosielele wa kgotla ya Manke kwa Gabane ke mongwe wa Batswana ba ba itirelang ka diatla tsa bone go itshetsa le go inamola lehuma.
Mme Mosielele o itshidisa ka go loga dibaga.
Fa a bua mo potsolotsong, o tlhalositse fa go ipelega e le selo se se botlhokwa mo botshelong.
A re puso e ka seke e thuse mongwe le mongwe, mme go ka nna botoka fa e thusa ba ba sa kgoneng gotlhelele.
A re o simolotse go loga dibaga ngogola mokgatlho wa WENA (Environmental Education and News Trust) go tswa Gaborone o sena go ba fa dithuto tsa go loga dibaga.
A re o ne a nna le kgatlhego e tona mo go tsone, a tlhalosa fa gompieno e le mmantswitswidi wa go loga dibaga, e bile a ikgantsa ka tsone.
Mme Mosielele yo o dingwaga di masome marataro, o tlhalositse fa a ne a sa itse sepe ka go loga dibaga, ka jalo o lebogela WENA go mo namola lehuma.
O buile fa mokgatlho o, o ne o ba ruta go loga dibaga ntle le dituelo dipe lobaka lwa malatsi a mararo. A re ba ne ba rutwa go loga dibaga, go di kgabisa ka dilo tse di farologaneng gore di kgatlhe.
A re ba rutilwe go loga dibaga ba le bantsi mo Gabane, mme phadisanyo ga e ntsi ka gore bontsi jwa bone ba tlogetse.
O tlhalositse fa kgwebo nngwe le nngwe e tlhoka lorato gore e gole. O boletse fa a itumile molomo wa tlase go godisa kgwebo ya gagwe gonne a lemogile fa e ka mo tlodisa dinoka di tletse.
Mme Mosielele yo e leng motlhokomedi wa bana ba batlhano, o buile fa e sale a simolola go loga dibaga, botshelo jwa gagwe bo fetogile fela thata.
Ka takataka a sa tshwane le tshoo! Mme Mosielele o buile fa lemmenyana le a le bonang a reka motlakase, a tlhokomela bana, a ithekela le tsone dijo.
Mme Mosielele a re o dirisa maungo a ditlhare tse di farologaneng jaaka mogorogorwan, mogonono, jakaranda, mmilo, letlape la namuni, sekgatlapana sa chibuku le panaki ya lebotlolo go kgabisa.
Le fa go loga dibaga go tshedisa Mme Mosielele, o tlhalositse fa a sa loge dibaga go di rekisa fela, a re gape go lwantsha bodutu.
O tlhalositse fa bontsi jwa dikgwebo di phutlhama ka gore beng ba tsone ga ba na lorata mo go tsone. A re bopelotelele le maikaelelo ke tsone di godisang kgwebo.
Fa a bua ka dikgwetlho, a re bareki ba lela ka ditlhwatlhwa ba re di kwa godimo, a tlatsa ka gore didirisiwa tsa go loga dibaga le tsone di turu. O tlhalositse fa a reka didirisiwa kwa Gaborone.
A re le fa a ralala dikgwetlho, o dira ka natla go godisa kgwebo ya gagwe. O rotloeditse Batswana go nna le mowa wa go itirela ka diatla, a tlatsa ka gore motlhopha ntsi ke yo o kgorang, a tlhalosa fa gompieno a kgabisa dibaga tsa gagwe ka di bapalwanageng.
O buile fa sengwe le sengwe se ka namola batho mo lehumeng, mathata e le gore batho ba emetse puso go ba direla.
Mme Mosielele o buile fa e le leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse gape a bereka Ipelegeng.
O rotloeditse banana go tlhoafalela dithuto tsa bone gonne thuto ke lesedi e bile ke phenyo.
O boile gape a rotloetsa banana go emisa go dirisa ditagi le go nwa bojalwa phetelela ka gore ga di a siamela mebele ya bone ebile gape di senya isago ya bone.
O ba kgothaditse go ipetlela tsela ya botshelo nako e santse e le teng gonne botshelo bo tletse dikgwetlho. BOPA
Source : BOPA
Author : Ka Nthabiseng Modise
Location : GABANE
Event : Potsolotso
Date : 04 Sep 2017






