Ba Xhana ba itumelela metsi
31 Aug 2017
Banni ba motse wa Xhana mo kgaolong ya Nhabe ba akgotse mopalamente wa kgaolo eo Rre Konstatinos Markus ka go ba tlhalosetsa fa ba le mo lenaneong la go sielwa metsi mo motseng wa bone.
Ba ne ba tlhalosa fa kgang ya metsi e tswa kgakala mme go se nko e e tswang lamina, ka jalo ba akgola thata Rre Markus ba re ba dumela fa go tla ga metsi mo motseng wa bone go tlaa dira gore dipalo tsa batho ba motse oo di oketsege.
Rre Polelo Monexha o ne a kopa mopalamente go ba buelela le batho ba maphata a a lebanyeng jaaka CEDA, la banana le a mangwe gore ba nne ba ba etela go ya go ba tlhalosetsa ka mananeo, a tlhalosa fa go le gantsi ba tlolwa ke mananeo ka go sa itse.
O tsweletse a re ba tshwenngwa ke diphologolo di tshwana le dibatana le ditlou mo kgaolong eo a re o ipotsa gore gatwe ba tlaa bona leng thuso gore di ntshiwe.
Rre Phenyo Rammokolodi wa Chanoga e ne o ne a re o leboga thata fa jaanong puso e kgona go lemoga gore bo Omang ba botlhokwa le gone go bona dikgoreletsi tse di kganelang batho go ba tsaya.
O tsweletse a re e re ntswa ba tshwere ka thata e le barui go tokafatsa bolwetsi jwa tlhako le molomo fela kwa pusong gone ba thubile kobo segole ka a re ga gona terata epe e e kganelang malwetsi e e tshelang mme ebile lephata la twantsho matlhoko a leruo le ntse moriti o tsididi.
Ga a ntsha malebo mo phuthegong eo, mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Grace Moleta o ne a kopa batho ba motsana wa Tsibogolamatebele go ya go itsise kgosi ya Chanoga gore ga ba na go ya go ketekela Boipuso kwa Chanoga.
O ne gape a rotloetsa batho ba Xhana gore e seka ya re fa metsi a goroga ba bo jaanong ba simolola go nosa leruo mo go one ka a re a duelwa ke khansele mme ba tlaa bo ba senya, mme ebile e le molato o motho a ka o sekelang.
Mopalamente o ne a ba bolelela gore ba lephata la diphologolo ba neetswe madi a a kanang ka P41 million go tla go thusa mo go kobeng ditlou gore di tswe mo bathong le go reka di dirisiwa di tshwana le sefofane sa tlhootomo le go baakanya dikoloi tse di leng teng go dira tiro eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : XHANA
Event : Kgotla Meeting
Date : 31 Aug 2017






