Breaking News

Ikgapheng mo nnotaging

31 Aug 2017

Motlhatlhelela dithuto wa tsa botsogo mo sepateleng sa Tsabong, Rre Bonny Dikwii o gakolotse banana ba motse wa Vaalhoek mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa go iphapha mo go inaakanyeng le dinotagi ka di felela di ba senyetsa bokamoso.

O buile se mo thuto-puisanong e e neng e rulagantswe ke ba sepodisi gammogo le ba komiti ya thwantsho borukutlhi kwa motseng oo bosheng.

Rre Dikwii a re bojalwa le ditagi ga di ntshe bodutu le go rarabolola mathata fa e se fela go a oketsa mme a ba a ba gakolola go tsenenelela metshameko le mananeo a puso a a teng go tlhabolola matshelo a bone.

O ne a gape a kgothatsa batsadi le setshaba go gakolola banana fa ba lemoga boitsholo jwa bone jo bo duleng mo tselelng ka mabaka a bojalwa le ditagi a re seo se ka ba thusa go bona dithuso mo go ba ba lebaneng nako e santse e le teng.

Rre Dikwii, yo o neng a bua boemong jwa ga molaodi wa Kgalagardi, o kaile fa gape dinotagi di ka felela di baka ditlamorago tsa go tsenwa ke malwetsi a tlhakanelo dikobo a tshwana le mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS, go ima ga banana, kgokgontso gareng ga a mangwe.

Fa a bua maikaelelo a thuto puisano eo, kgosana Hanns Hendricks o tlhalositse fa e ne e le go ruta banana ka ditlamorago le manokonoko a tiriso botlhatswa ya bojalwa le ditagi ka di ama thata bana ka ba ka felela ba tshelela mo malwapeng a a senang kagiso le gone go amega thata mo dithutong tsa bone.

Rre Hendricks o ne gape a re ke go tsibosa banana ka maele a botshelo go ikemela ba le nosi le gone go inaakanya le mananeo a puso go tokofatsa matshelo a bone ba sa kgorelediwe ke dinotagi.

Mookamela mapodisi a Bokspits, Assistant Superintendent Berman July fa a tswa la gagwe o ne a kaya fa banana e le bone ba ba di gogong kwa pele mo go direng borukutlhi ba le mo kgatelelong ya bojalwa le ditagi mo kgaolong ya gagwe ya Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam( BORAVAST).

Rre July o boletse fa e le ba sepodisi ba itemogetse fa borukutlhi gantsi bo diragala mo maitisong ka nako ya fa kgwedi e fedile, mafelo a beke le ka thekiso ya leruo kwa metseng eo.

A re gantsi melato e ba e gatisitseng e e bakwang ke bojalwa le ditagi e akaretsa dititeo tse di felelang di baka dikgobalo tse di masisi, boitshwaro jo bo sa eletsegeng, matlhapa, tiriso ya motokwane le bogodu jwa leruo, gareng ga tse dingwe.

Moruti Dean Titus wa kereke ya Evangelical Lutheran Church in Botswana (ELCB) ene o ne a kgothatsa banana go itsetsepela ka lefoko le go tsena kereke ka poifo Modimo e le tshimologo ya bothale ka ba ka kgona go itharabologelwa ka le ka ba kaela tsela e e siameng le go ba gogela mo leseding.

Moruti Titus o ne a gwetlha batsadi le setshaba go nna seopo sengwe go ema banana nokeng ka go ba kgalemela le go ba kaela ka e le bone bagogi ba lefatshe leno ba ka moso.

Mo mafokong a gagwe, mookamela mapodisi a Middlepits, Assitsant Superintendent Batani Lehuma, o boletse fa go nwa phetelela ga batsadi go felela go ama bana ka ba felela ba tshelela mo malwapeng a a senang kagiso le gone go amega mo maduong a dithuto tsa bone.

Rre Lehuma o ne a gwetlha batsadi, mongwe le mongwe le setshaba go ema ka dinao kgatlhanong le phokotsego ya go iphitisa dinotagi mo bananeng mo kgaolong eo.

A re go bua, go tshwaragana, go tsaya kgato le gone go tlhoka go bipa mpa ka mabele ka dikgang di tshwana le go goga le thekiso ya motokwane, go ka thusa go fokotsa borukutlhi jo bo diragalang mo kgaolong eo. Setlhogo sa letsatsi leo e ne e le “Tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi sekgoreketsi.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : VAALHOEK

Event : Thuto Puisano

Date : 31 Aug 2017