Breaking News

Ga ba na go otlhaelwa Omang

31 Aug 2017

Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Kontantinos Markus o rotloeditse Batswana go tswelela ba direla ba masika a bone  Omang le ntswa lebaka la bone le fetile ka puso e sekasekile go emisa melatsa ya madi a a ntseng a lefisiwa batho ba go nna jalo.

O buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Chanoga, Tshibogolamatebele le Xhana mo kgaolong ya Ngami bosheng.

Rre Markus o ne a re batho bangwe ba palelwa ke go direla bana le ba masika a bone Omang ka ntata ya letlhoko la madi a melatsa, fa bangwe ba tsamaya sekgele se setelele go ya kwa ba ka bonang ditirelo teng.

O tsweletse a re karata ya Omang ga se e motho a ka nnang a sena nayo ka jaana e kgoreletsa gore bangwe ba ka bona ditlamelo tsa puso.

A re bangwe ba ne ba tshaba fa ba setse ba tlodisitse ka gone gotwe ba tlaa tshwarwa.

Mo go tse dingwe, Rre Markus o ne a ba gakolola ka botlhokwa jwa go kwadisa ditsha tsa bone a re seo se tlaa ba direla tiro motlhofo ka go nna le setlankana (title deed) sa mahala e seng jaaka pele go ne go le thata go se bona ka e ne e le turu.

O ne gape a ba itsese fa jaanong puso e dirile molao wa gore jaanong fa ngwana a le mo kgolegelong kwa lefatsheng le sele, batsadi ba na le tshwanelo ya go ka dira dithulaganyo tsa gore bo mo tseye kwa a tlaa bong a le teng go tla go feleletsa kgolegelo ya gagwe mo lefatsheng la ga gabo.

O bile gape a itsese batho ba Chanoga Boseja fa a ba ba tletse madi a a kana ka P120 000 go ba epela sediba kwa kgaolong ya bone ka ba sa bolo go lela ka letlhoko la metsi.

O bile a a neela batho ba motse wa

Chanoga madi a a kana ka P10 000 a re ke a a neng a a ba solofeditse ka nako ya fa ba keteka moletlo wa ngwao kwa motseng oo.

O ne gape a neela ba motsana wa Tsibogolamatebele P300 le ba Xhana P300 a re ke a boipuso.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Chanoga, Rre Gaditshwane Kgantele o ne a lebogela dithuso tse ba dibonyeng go tswa kwa pusong jaaka matlo a le mabedi a batho ba ba tlhokileng lesego.

O bile a tlhalosa fa seemo sa ofisi ya twantsho matlhoko a leruo kwa motseng oo e le mo seemong se se sa jeseng diwelang mo ebileng badiri ba lephata leo ba theogelela kwa ntle.

O tsweletse a re badirela puso ba ba nnang mo matlong a VDC ba gana go duela a tlatsa ka gore go le gantsi ba ipata ka gore matlo ao ga ana motlakase ntswa ba tsenye mo go one ba ntse ba itse ka seemo seo.

O tsweletse a re go sa dueleng ga batho bao go dira gore go pale go dira ditiro dingwe tse ba neng ba di akantse jaaka go shafadiwa ga matlo mangwe le go aga mantlwana a boiteketso kwa mabitleng ka ba sena madi.

O boletse fa ba na le tlhaelo e  e ntsi ya boroko jwa barutabana.

Le fa go ntse jalo, o ne a akgola komponi e e baakanyang tsela e e thibeletseng mo motseng wa bone a re e agile matlo mangwe mme ba ba tshephisitse fa ba tlaa ba neela fa ba fetsa tiro eo.

Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Markus o ne a gakolola mothusa modulasetitilo gore a bone gore o tseela batho ba ba sa dueleng dikgato tse di gagametseng gore ba kgone go duela matlo ao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : CHANOGA

Event : Kgotla Meeting

Date : 31 Aug 2017