Breaking News

Komiti e tlaa agelwa ntlo ya boroko

30 Aug 2017

Komiti ya ditlhabololo tsa motse mo kgotleng ya Mogadingwana kwa Maun e tlaa agelwa guest house ka madi a dikgaolo a P10 million.

E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, modulasetilo wa komiti, Rre Ketshele Mowaneng o supile fa ba kopile go dira ditlhabololo di le mmalwa ka madi a mme go ne ga atlega kopo e le nngwe ya go agelwa ntlo ya boroko e e tlaa thusang komiti go kgobokanya madi go tlhabolola kgotla ya bone.

Rre Mowaneng o supile fa komiti e ne e setse e rekile setsha se kago e go bapa le kgotla ya bone.

O supile fa lefelo le le tlaa thusa matlo a bone a ntseng a le teng go tsenya madi mo letloleng la komiti go tlhabolola kgotla ya bone.

O tsweletse a supa fa kago e, e tlaa abelwa madi a a kanang ka P1.8 million.

E re ka motse wa Maun o itsege ka bojanala, kago e e solofetswe go dira dipoelo e bile e tlaa araba dilelo tsa letlhoko la boroko mo bajanaleng ba ba etelang motse wa bone.

“Bajanala ba tlaa robala mo teng e be ba ntsha madi a a tlaa bong a beilwe go tswa fela gore ba ntse lebaka le le kae gone foo,” ga bua modulasetilo.

O tsweletse a supa fa lefelo le le tlaa tlhamela banana ba kgaolo ya bone ditiro di tshwana le go apaya, phephafatsa le go okamela kgwebo eo, le gone go ntsha banana ba ba ineeletseng nnotagi le ditagi mo mekgwatlheng le mo lehumeng tota.

E re le fa go ntse jalo, modulasetilo o supile fa tiro ya komiti ya ditlhabololo e le ntsi thata, a kaya fa puso e tshwanetse go sekaseka dikatso tsa bone mo isagong.

O supile fa tiro ya bone e akaretsa go bereka le bommaboipelego ba khansele go netefatsa fa masiela, bagodi, bana-le-bogole le batlhoki ba fiwa mananeo a a ba lebaneng, go netefatsa gore dikole le dijarata tse di mo kgotleng ya bone di a phepafadiwa le go tsaya karolo mo mokgatlhong o tshwana le wa Umbrella VDC.

“Re fiwa dikatso fela gore re nnile le phuthego ya komiti, mme re tshwaragane le namane e tona ya ditiro ka go farologana,” ga bua modulasetilo.

E re ka maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse a shafadiwa morago ga ngwaga tse tharo, modulasetilo o tlhalositse gore go le pele maloko a a neng a tswa a diretse komiti a ne a fiwa ditlankana ke puso e le sesupo sa gore ba diretse komiti mme e le tsela ya go ba lebogela seabe se ba nnileng le sone, mme se sa tlhole se diragala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matshelo Billy

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 30 Aug 2017