Breaking News

E larile kwa Maboloongwe

30 Aug 2017

Banni ba kgotla ya Maboloongwe kwa Moiyabana ba file mothusa kgosi, Rre Keatshotse Gosotwamang maina a batho ba le babedi ba go dumelwang ba lebanywe ke bogosi jwa kgotla eo.

Se se tla morago ga gore banni ba palelwe makgetho a le mabedi go ntsha leina la yo o lebanweng ke setilo ntateng ya go farologana ka megopolo.

Go ne ga ntshiwa leina la ga Mme Japelo Ogaletse le Rre Boseong Olefile, yo e leng ene kgosana mo bogompienong kwa kgotleng eo bosheng.

Rre Olefile o ne a tlhalosa fa a ne a seyo mo phuthegong e e fetileng, e bile go sena ope yo o kileng a mo rerisa ka kgang ya bokopano joo.

A re o tshwentswe ke gore go na le makgamu mo motseng a a amang ba bogosi jwa kgotla e tona.

A re ene o itse e le kgosi a sa tshwarelela ope.

Mongwe wa banni, Mme Keotshepile Olefile a re ba ne ba nna le bokopano mo kgotleng ya Maboloongwe mo boseyong jwa ga Kgosi Gosotwamang mme bokopanong joo, jwa atlega.

Ka bangwe ba ne ba seyo mo bokopanong jo bo fetileng, morafe o ne wa kopa gore go balwe metsotso ya bokopano joo, mme ba bangwe ba ganana le seo ka ba ne ba dumela gore bone ba ne ba sa rerisiwa mme ga dumalanwa gore e seka ya balwa.

Makoko a mabedi ao a neng a le foo, a ne a dumalana ka maina a mabedi.

Rre Gosotwamang o tlhalositse fa puso e ba rumile go netefatsa gore dikgosana tsotlhe tse di mo dikgotlaneng ke beng ba bogosi kana ba ba tshwareletseng mo dikgotlaneng tsa bone, selo se se dirileng gore ba tle go tsaya leina la yo o maleba.

Mothusa kgosi o ne a tlhalosa fa kgotla ya Maboloongwe e le yone kgotla e tona kwa Moiyabana.

Kgosi Gosotwamang o tlhalositse fa ba tlaa isa maina kwa go Kgosi Sediegeng Kgamane kwa Serowe gore ba tle ba bone gore ba tsaya kgato e fe ka maina a ba a ba fileng a re keletso ke gore go nne le tharabololo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : MOIYABANA

Event : Potsolotso

Date : 30 Aug 2017