Ba kgothadiwa go tsaya lenaneo ka tlhoafalo
30 Aug 2017
Batho ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma ba rotloeditswe go tsaya lenaneo le ka tlhoafalo gore ba kgone ba tswe mo lehumeng.
Mo Palapye bosheng, mogokaganyi wa lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong ya Palapye, Mme Kagiso Senthufe a re lenaneo la nyeletso lehuma le tsamaela kwa bokhutlong, ka jalo go botlhokwa gore ba ba thusitsweng ka lenaneo le ba bo ba kgonne go tswa mo lehumeng ba kgona go jesa malapa a bone ba sa thusiwe ke khansele kana puso, ba kgona go ipeela sengwe mo dibankeng e bile ba itiretse sengwe fa godimo ga se puso e ba thusitseng ka sone.
A re lenaneo la nyeletso lehuma ke la tonto tshipidi.
A re ka jalo go botlhokwa gore ba ba thusitsweng ka lenaneo le ba bereke ka thata go intsha mo lehumeng.
A re o ofisi ya gagwe e itemogetse gore bontsi jwa batho ba ba thusitsweng ka dipodi ba dira sentle bogolo jang mo kgaolong ya Radisele, Mogome le Mokgware.
O kopile setshaba go ema nokeng lenaneo la nyeletso lehuma ka go reka dithoto tsa lenaneo le go ba fa ditiro fa ba na le mediro mo maphateng a puso kana a a ikemetseng ka nosi.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa lephata la dikoporase, Rre Boniface Tsheko a re go kgobokanya ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go thusa gore ba itsane e bile ba thusane ka go amogana maele gore ba kgone ba tlhabolole dikgwebo tsa bone.
A re se se ka ba thusa gore ba kgone go batla mmaraka go bapatsa dithoto tsa bone, a ba rotloetsa go tsena mo dikoporaseng.
A re dikoporase di ile tsa wa ntateng ya phadisanyo e e mashetla le dikgwebo tse dingwe, ka jalo puso e ile ya tla ka mothale wa go tsosolosa dikoporase gore di kgone go phadisanya le dikgwebo tse dingwe.
A re maikaelelo ke go thusa dikoporase gore di tsamaise dikgwebo tsa bone ka methale ya sesha gore di kgone go bona dipoelo.
Fa a tswa la gagwe, molaodi wa Palapye, Rre Enerst Phiri o rotloeditse ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma gore ba seka ba inyatsa.
A re dikgwebo tsa nyeletso lehuma di ka kgona go gola fela jaaka dikgwebo tse dingwe, ka jalo go tlhoka gore beng ba dikgwebo tse ba eme ka dinao gore ba kgone go atlega.
O ba rotloeditse gore ba seka ba pega ditlhwatlhwa kwa godimo le go netefatsa gore dithoto tsa bone ke tsa boleng jo bo kwa godimo.
A re boleng jwa dithoto bo tshwanetse go tsamaisana le tlhwatlhwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Bokopano
Date : 30 Aug 2017






