Breaking News

Tirisanyo mmogo e beile Pole kwa setlhoeng

30 Aug 2017

Ngwaga ke wa bone sekole se sebotlana sa Pole se dira bontle mo ditlhatlhobong tsa lokwalo la bosupa.

Go simolola ka 2013, sekole seo se ntse se di goga kwa tlhogong go gaisa dikole di le masome a mane le boraro mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.

Mo potsolotsong le BOPA, mogokgo wa sekolo seo, Mme Taboka Masalila, o tlhalositse fa tirisanyo mmogo ya batsadi le barutabana, lorato, boineelo gammogo le tshwaragano e le tsone konokono mo tirong e ntle e e dirwang ke sekole seo.

Mme Masalila o tsweletse ka go leboga bana ba gagwe ka le bone ba ititeile ka thupana go berekisana le barutabana ka botho e bile ba supa fa ba nyoretswe thuto.

Ka 2013 sekole seo se tsere maemo a ntlha ka 93.3 per cent mme sa tswelela ka go tshegetsa sejana seo, ka 2014 ba fenya ka 100 per cent, 2015 ba dira seboaboane ba fenya ka 100 per cent mme ngogola ba nna gape ba itsupa fa e le dikgeleke tsa thuto bana botlhe ba pasa ka  A le B.

Mme Masalila a re phenyo ya ngogola e ne e tlhapile e bile e ba tlogetse ka monyenyo ka e supa fa tota ba itse maikaelelo a bone, e bile ba kgonne ditoro tsa bone.

O tladitse ka go re lentswa ba na le dingwagangwaga ba fenya, o tshogetse gore gongwe monongwaga ba tlaa retelelwa ke phenyo ka go na le bana ba ba sa abelwang.

A re le fa go ntse jalo ba tlaa wa ba tsoga le bone, ba ba tataisa go fitlhelela lesedi le ba phatsimela ka tota ba sa eletse go bona ope a salela kwa morago.

Mme Masalila o ne gape a supa fa bana le batsadi ba Pole ba ba iteilweng seatla le bone ba ba eme nokeng, ke ka moo ba tsabakelang mo dithutong.

A re batsadi ba tshwana le Rre Parks Tafa, Rre Mooketsi Ketlogetswe le ditsala tsa gagwe tsa letso la se-India ga mmogo le ba bangwe, ba ba neela thotloetso e ba e tlhokang.

A re sekole sa bone se tshwaregile sentle ka lorato, ke ka moo le bone ba itlamileng go tlhoafalela dithuto.

Go ya ka modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Shathiso Mosojane, tshwaragano ya bone le bana le barutabana ke tsone di ba kgontshitseng.

A re e le batsadi ba motse oo, ba tlamegile go nna seopo sengwe go tsenya letsogo mo dithutong tsa bana.

“Setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata,” ga tlatsa Rre Mosojane.

A re mathata, dikgwetlho le tse dingwe tse di ka bayang dithuto tsa bana ka fa mosing ba a di kopanela go tla ka ditharabololo.

Rre Mosojane a re ba ne ba ka eletsa gore matona a thuto ba ka etela sekole sa bone go tla go bona ka fa ba dirang ka teng gore abo ba kgona go fenya dikole tsotlhe mo kgaolong ya bone, a re go dira jalo le gone go ka rotloetsa le bana gore ba dire le go gaisa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : POLE

Event : Potsolotso

Date : 30 Aug 2017