Karata e tlaa tokafatsa maduo
30 Aug 2017
Mogolwane wa theko le thekiso ya kgomo kwa Botswana Meat Commission (BMC), Rre Kenneth Makubate a re karata e e fiwang barui gore ba duelelwe mo go yone e tlaa thusa thata mo go fefoseng dituelo le gone go fokoletsa barui ditshenyegelo go bona dituelo tsa leruo le ba le rekisetsang matlhabelo a bone.
O buile jaana kwa phuthegong kwa kgotleng kgolo ya ga Mmangwato fa ba BMC ba ne ba tsile go lekodisa barui ka lenyalo la bone le banka ya ABC kwa Serowe bosheng.
Ntswa Rre Makubate a ne a amogela fa BMC e tshwentswe ke tiego ya dituelo, baruakgomo ba ne ba supa fa BMC e tswa kgakala e ba solofetsa dilo mme e bo e sa di diragatse.
Morui Rre Charles Mokobi o ne a kopa Rre Makubate go ba tlhalosetsa gore a lenyalo la bone le banka eo, ke sekoloto kana jang le gone gore banka e e tlaa bo e ba duela jang.
O ne a botsa gape gore a BMC e a tshela kana e a lwala le gone gore a e tsile mo seemong sa go rekiswa ka e farafarilwe ke mathata.
Fa a tsibogela dipotso tse, Rre Makubate o ne a re madi a a tswang kwa bankeng ke a kadimo, ke sekoloto sa BMC e seng sa barui, ntswa madi a tlaa bo a tsena kwa dikarateng tsa bone.
Ntswa a ne a tlhalosa fa mathata a bone a sa fetoga, Rre Makubate o ne a rurifaletsa barui gore BMC ga e rekisiwe mme le gone gore fa go ka nna jalo ba tlaa ba rerisa.
O ne a re mo bogompienong ba santse ba duela ba ba isitseng dikgomo tsa bone ka Motsheganong.
O ne a re ntswa seelo sa bone e le go duela barui mo malatsing a le 14, seo se santse se sa diragale, mme a ba solofetsa gore fa ba sena go fetsa melala e e solofetsweng go felela ka Phalane, o na le tumelo ya gore seo se tlaa diragala.
Mogolwane o ne a kopa barui go isa dikgomo kwa Francistown a re ba seka ba kgojwa marapo ke seemo se se neng se ntse se ba farafarile ka ba solofetse go le gontsi mo lenyalong la bone.
Mo go tse dingwe, Rre Makubate o ne a re dikarata tse di fiwa ba ba pegileng dikgomo e seng motho a santse a akanyetsa, a tlatsa ka gore fa madi a bone a tsena ba tlaa amogela melaetsa mo megaleng ya letheka.
O tladitse ka gore karata eo, e kgona go dirisiwa kwa mafatsheng a mangwe jaaka Afrika Borwa, Zimbabwe le Namibia.
O ne gape a re karata eo, e tlaa bo e dirisiwa mo matshining wa banka nngwe le nngwe e seng ya ABC fela, a re tiriso e e tlaa fokoletsa barui ditshenyegelo tsa go latela dituelo kwa Francistown.
Rre Bernard Letsididi o ne a re ba pega dikgomo tsa bone ba na le mabaka jaaka go dirisa madi a teng mo lesong kana lenyalo, a re fa e tsaya lobaka go felela go sa ba thuse.
Mo go la gagwe, Rre Totego Mokomoto o ne a re gangwe le gape BMC e tla kwa go bone e re e ipaakantse, go tswa foo ga ba boele kwa go bone fa go sa kgonagala, a re ke sone se se dirang gore ba seka ba isa dikgomo kwa go bone.
Mo go le lengwe, barui ba ne ba gakolola gore BMC e ithole morwalo wa go otla dikgomo ba re seo e tshwanetse go nna boikarabelo jwa barui. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : SEROWE
Event : Phuthego
Date : 30 Aug 2017






