Ngwao ke Omang wa gago - Kgosi
30 Aug 2017
Mothusa Kgosi wa Ghanzi, Mme Annah Rankho a re go botlhokwa go somarela ngwao le go e ruta banana.
Mme Rankho o buile jaana bosheng jaaka motse wa Ghanzi o ne o tshegeditse letsatsi la ngwao.
A re e le magosi ba neetswe boikarabelo jwa go re merafe ya bone e somarela le go diragatsa ngwao ya bone.
A re go tshegetsa letsatsi la ngwao ke selo se se botlhokwa, ka le fa morafe sebaka sa go ikgakolola ka fa ba neng ba tshela ka teng bogologolo mme gape e le go fetisetsa thuto kwa bananeng ka go setse go lemosegile fa ngwao e fetoga mme gape e setse e nyelela.
O kgothaditse morafe wa Ghanzi go tlhopha tse di siameng mo ngwaong mme ba di diragetse gore di ba tswele mosola.
A re ngwao e akaretsa dintlha di le mmalwa di akaretsa dijo, kapari, mmino, le metshameko.
A re ke santlha Ghanzi a tshwara letsatsi la go tshwana le le, mme se se tsile morago ga go itemogela fa merafe e mengwe e gatetse pele ka go diragatsa dingwao tsa bone.
Kgosi Rankho a re maikaelelo a komiti e e rulagantseng moletlo o ke gore ba o tshware ngwaga le ngwaga e le tsela ya go tsosolosa ngwao le go fetisetsa thuto kwa bananeng gore le bone ba somarele ngwao.
E ne ya re a rola maikaelelo a letsatsi, modulasetilo wa komiti e e neng e rulaganya, e bile e le mokhanselara wa kgaolwana ya Ghanzi legare, Mme Gakeoletle Dikoma a re maikaelelo a bone ke go tshwaraganya merafe e e fitlhelwang mo Ghanzi.
A re go setse go supagetse fa ngwao e nyelelela ka iketlo, le merafe e e fitlhelwang mo kgaolong e sa ikitse mme ba latlhile botho jo ba tlholegileng ka jone ka mo malatsing ano borukhuthi jwa dipolaano bo ile kwa godimo.
A re letsatsi le le diretswe gore banni ba Ghanzi ba buisane ba bo ba itshekatsheke gore ba ka tswa ba fapogile ngwao fa kae mme ba e boele ka e na le dintlha tse di ka agang motse.
Fa a ntsha lefoko la kgothatso mogolwane go tsweng kwa lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao Rre Gobonaone Ramoupo a re go botlhokwa gore e re go rulaganngwa ditiro di tshwana le e, go ngokelwe banana mo go tsone gore le bone ba nne le seabe mme ba anye dikitso mo bagolong ka ke bone ba tsamaisi ba kamoso.
A re le ntswa lephata la gagwe le sa nna le karolo mo tirong e, le tlaa ya go itshekatsheka gore mo nakong e e tlang le ka thusa jang.
O rotloeditse banni ba Ghanzi go kgaphela thoko dikgang tsa sepolotiki fa ba dira ditiro tsa morafe ka se se ka busetsa morago tshwaragano e mo bogompienong e tlhokegang thata go isa motse kwa pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lemogang Madumane
Location : GHANZI
Event : Ipelelo Ngwao
Date : 30 Aug 2017






