Breaking News

Mogotsi o itshetsa ka dinkgisa monate

30 Aug 2017

E re ka motlapele a boletse a re ‘metlhala ya khumo e mentsi,’ mme Rebecca Mogotsi yo o tlholegang kwa Kanye ke mongwe wa banana ba ba itshimololetseng kgwebo e potlana go leka go itshetsa le go tlhamela ba bangwe mebereko.

Mme yo o dingwaga di masome mabedi le borobabongwe o tlhalosa fa a ne a simolola kgwebo ya go rekisa dinkgisa monate morago ga go bona a sa bone dipoelo tse di mo kgotsofatsang mo tirong e a neng a e bereka.

A re o ne a sa kgone go gololwa go isa ngwana kokelong fa a lwala, le gone go tsenelela ditiro tsa mo lwapeng, mme se sa mo tlama go tsaya tshwetso ya go itlhamela kgwebo.

O tlhaloseditse BOPA fa a simolotse kgwebo ya gagwe ngogola mme e bile a supa bareki ba ratile kgwebo ya gagwe fela thata.

A re o ne a bona bareki ba latela dinkgisa monate tse kwa Gaborone mme a tla Maun a dira tshekatsheko go bona fa e le nnete mo Maun go rekisiwa diaparo fela.

E rile go bona se, a seka a ipona tsapa a tla go simolola kgwebo ya gagwe mo Maun fa thoko ga marekisetso a dijo a Nandos.

A re diphefume tse Batswana ba di rata fela thata ka e le tsa maemo a ntlha.

A re dingwe tsa tsone ke black diamond le Paco Robanne.

Mme yo o supa fa a reka diphefume tse kwa Afrika Borwa, mme morago a tle go di rekisa a di kala ka mabotlele go ya ka bokgoni jwa moreki.

A re morago ga go simolola kgwebo e, botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga ka a kgona go tlhokomela ba lelwapa la gagwe.

“Le dikgang tsa mo lwapeng ke kgona go di tsenelela ka ke ikutlwa ke nale seriti,” a tlhalosa.

Mme Mogotsi a re le ntswa bagwebi ba amogetse kgwebo ya gagwe ka a mabedi a re dikgwetlho dingwe di mo dira gore a seka a nna le dipoelo tse a di solofetseng.

Go supa fa ele monana yo o nang le tebelopele, a re se ga se mo kgobe marapo ka a itse fa dikgwetlho di baakanyetsa tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe.

O rotloetsa banana le bomme go ema ka dinao go fetola matshelo a bone ka go dirisa mananeo a puso fa ba sena madi a go itshimololela kgwebo.

A re banana ba tshwanetse go tsena mo dikgwebong tse ba di kgonang e bile ba di rata gore madi a puso a seka a felela a wela ka motlhobodika. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Montle Modisawamarole

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 30 Aug 2017