Lecheng o a iteka
29 Aug 2017
Sekole se se botlana sa Lecheng se akgoletswe go tokafatsa maduo a dilhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa.
Sekole se, se se tswang kgakala se sa dire sentle se kgonne go tokafatsa maduo go tswa kwa go 58.7 per cent ka 2015 go ya kwa go 85.9 per cent ngogola.
Fa a bua ka letsatsi la go ipelela phenyo bosheng, mogolwane wa Botswana Examinations Council, Rre Slumber Ramadi o iteetse maiteko a sekole se legofi.
A re ga go kgakala gore se kgone maduo a 100 per cent fa se na le maikaelelo.
Rre Ramadi yo le ene a kileng a nna moithuti wa sekole se, o ba rotloeditse gore ba tlhodumele mo dikoleng tse di dirang sentle jaaka Diloro le Malaka go bona gore ba kgona jang ka dilo makwati di kwatobolotswa mo go ba bangwe.
A re le fa ba na le kgwetlho ya bana ba bantsi, ga ba a tshwanela go kgobega marapo.
Rre Ramadi a re go le gantsi dikole tse di dirang sentle di na le kgwetlho ya tlhaelo ya didirisiwa mme di gakgamatse ba le bantsi ka go dira sentle go feta dikole tse di nang le ditsompelo.
A re thuto e tshwana le pitsa e e maoto mararo mme e akaretsa moithuti, motsadi le morutabana, a re boraro jo, bo tshwanetse go bereka mmogo ka nako tsotlhe.
O kopile batsadi go ema bana le barutabana nokeng le go tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana.
A re bana le bone ba tshwanetse go tshwara ka natla mo thutong.
A re morutabana ke letshego le le botlhokwa thata mme go mo maruding a bone go aga bana kgotsa go ba bolaya.
A re barutabana ba tshwanetse go dira ka natla go ruta bana tsotlhe tse ba tshwanetseng go di itse gore ba dire sentle mo lokwalong lwa bosupa.
Rre Ramadi a re ba tshwanetse go sala morago dibuka tse di ba kaelang gore ba dire eng ka nako tsotlhe a kopa gore le bone ba emane nokeng mo tirong.
Mogokgo wa sekole seo, Mme Gabaikanngwe Bakwena a re le fa sekole sa gagwe se tsere maemo a borataro mo kgaolong potlana ya Palapye, se ya go lwa ka tsotlhe go nna kwa setlhoeng mo ditlhatlhobong tse di tlang.
A re barutabana, bana le batsadi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : LECHENG
Event : Ipelelo Maduo a Lekwalo la Bosupa
Date : 29 Aug 2017






