Ngwao pinagare ya setshaba
29 Aug 2017
Mookamela khyamphani ya Lamworld Technologies, Rre Oberd Motsomi o kopile maloko a mokgatlho wa Zwiti nvundu kwa Tutme go tsweledisa tema ya go tsosolosa ngwao.
Rre Motsomi o ntshitse kopo eo ka letsatsi la mogwanto o o duelelwang le go ipelela ngwao ke ba mokgatlho wa Zwiti nvundu kwa Tutume bosheng.
A re tautona wa pele, Sir Seretse Khama o rile setshaba se se senang ngwao ke moka se suleng, ka jalo se ba se dirang ke go ribolola ngwao.
O tsweletse a re batho ba latlhile dingwao tsa bone ba sia le dingwao tsa batho ba sele, selo se a kaileng fa se sa siama ka bana ba tshwanetse go kaediwa tsela le tsamaiso ya ngwao.
Rre Motsomi o gwetlhile maloko a mokgatlho oo wa Zwiti nvundu go diragatsa toro ya bone le go o bona o godile o dirile pharologanyo mo bananeng.
O ne gape a leboga tshwaragano ya mekgatlho e e farologanyeng mo motseng wa Tutume a re tiro e ba e dirang e tona thata ka le ba ba santseng ba saletse kwa morago ba tlaa tsaya malebela mo go bone.
O tsweleletse a kopa ditlhopha tse di teng mo motseng go inaakanya le bone le banana ba motse e bile ba le bagwebi gore ba ba thuse go tsweledisa mananeo a bone.
A re gape thulaganyo e ba e dirileng ya mogwanto e ntle thata ka e rotloetsa go itshidila mmele ka e bile batho ka bontsi ba tsaya nako e ntsi ba tsamaya ka dikoloi mo bangwe ba setseng ba palelwa le ke go ka tsamaya mosepele wa dikhilomitara tse pedi ka dinao.
O ne a ba kopa go tswelela ba dira motsamao oo kgwedi le kgwedi le go bitsa ba botsogo go nna teng go tlhatlhoba batho malwetse ka go farologana.
Leloko la mokgatlho oo, Mme Chikadzi Vambu a re ba simolotse mokgatlho oo ba le ditlhopha tse pedi mme ya re ba tsweletse ba bona go tshwanela go kopana go nna setlhopha se le sengwe.
Mme Vambu a re maikaelelo a bone e ne e le go thusana ka ba simolotse ba rekelana dijana tse di jelang le go apaya dijo tsa Setswana.
A re mokgatlho wa bone o kwadisitswe ka fa molaong, a re ka mogwanto oo ba batla go kokoanya madi a go dira lefelo la ngwao kwa ba tlaa rutang batho ka tsa ngwao ya bone ya Ikalanga teng.
Setlhopha sa mmino wa Ndasula kwa Nkange le sa Tjilinje di ne tsa natefisa letsatsi ka dipina tsa setso.
Mo mogwantong oo setlhopha seo sa Zwiti nvundu ba kgonne go kokoanya P35 600. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Mogwanto
Date : 29 Aug 2017






