Breaking News

Lephata le rola ntlo

29 Aug 2017

Lephata la makgotla a Setswana kwa kgaolong-potlana ya Tutume le agetse bana ba lelwapa loora Phaladi ntlo ya dikamore tse tharo.

E rile a rola ntlo eo semmuso kwa Gweta bosheng, molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Michael Chilimba a re ntlo eo ke ya bo 752 e e agilweng ka thulaganyo ya ga Tautona ya go agela batho ba ba tlhokileng lesego mo botshelong matlo.

Rre Chilimba a re moono oo, o simolotswe ke Tautona Lt Gen.Dr Seretse Khama Ian Khama ka 2010 go agela  batho ba ba senang matlo.

 O ne akgola badiri ba lephata leo la makgotla a Setswana go bo ba amogetse boikuelo jwa ga Tautona jwa gore ba dipitse bonang ba dinao ka go thologa bana boora Phaladi ba e leng masiela mokgosi.

A re bonno ke selo se se botlhokwa mo botshelong jwa motho ka bo tsisa seriti mo mothong, bo fa tshireletso mo diemong tse di sa iketlang tsa loapi le tsone dira tota,a gatelela ka gore tiro e  badire bao ba e dirileng e ntle thata ba lebanwe ke go akgolwa.

O ne a tlhagisa ba masika a bana bao gore ba seka ba sala ba amoga bana bao boswa jwa bone mme ba ba thuse go tlhokomela ntlo eo gore ba kgone go godisetsa bana ba bone mo go yone.

E ne ya re pele fa a amogela baeng, kgosi Keletlhobogi Baatholeng wa Gweta a re bogologolo go ne go sena motho yo o bolawang ke tlala ka ba ba neng ba na le leruo ba ne ba tshwaela ba bangwe dikgomo tsa mafisa ka seo ba itse go nwa mashi le go lema ba godise bana ba bone.

Kgosi a re e rile go ntse go tsamaya mowa oo wa bopelotlhomogi wa simolola go nyelela, puso ya nna yone e rweleng mokgweleo wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

O  akgotshe Tautona go tsosolosa mowa oo wa bojammogo, o o setseng o aname le Batswana mo go solofetsang gore nako nngwe batho ba tlaa boela kwa segologolong ka maropeng go a boelwa, go sa boelweng ke maleng, ka bangwe ba itse go kgaogana se ba se tshotseng.

Fa a amogela mpho eo mo boemong jwa bomonnawe, Mme Olorato Phaladi o ne a leboga ba komiti ya botsogo ya lephata leo la makgotla a Setswana tiro e ntle e ba e dirileng,a ba kopa go tswelela fela ka mowa o le mongwe go thusa ba ba tlhokileng lesego.

Mme Phaladi o tlhalositse gore ka 2014 Phatwe e le masome mabedi le botlhano ba ne ba le mo khutsafalong ya loso lwa ga mmaagwe, mme gompieno ka lone letsatsi leo la Phatwe a le lesome le botlhano ba mo boitumelong jwa go fiwa bonno jwa sennela ruri.

A re morago ga go latlhegelwa ke motsadi, o ne a sala ka boikarabelo jwa go etelela lelwapa a le dingwaga tse di lesome le bone, a godisa bomonnawe ba bararo mme seo se ne sa mo ruta sengwe mo botshelong ka le fa a senang o kgona go kgaogana le mongwe bonnye jo a na najo.

Mokwaledi kwa lephateng la makgotla a Setswana kwa kgaolong ya legare, Rre Modise Senyarelo a re ka komiti ya bone ya botsogo ba ne ba kokoanya madi mme tiro ya kago e ne e dirwa ke babereki ka bobone.

O  lebogetse  kemo nokeng ya botlhe ba ba thusitseng gore tiro e atlege. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : GWETA

Event : Kabo ya Ntlo

Date : 29 Aug 2017