Ba bongaka jwa setso ba amogela diphetogo
29 Aug 2017
Maloko a lekgotla la bongaka jwa setso mo Lobatse ba supile fa ba itumelela e bile ba amogela diphetogo dingwe tsa molao-motheo wa tsamaiso ya lekgotla la ditlhopho.
Ba supile se mo thuto-puisano e neng e rulagantswe ke ba lekgotla la ditlhopho mo Lobatse bosheng.
Ba bongaka jwa setso ba supile gore mo diphetogong tse di dirilweng, ba lebogela phetogo ya ikwadiso e nngwefela.
Ba tlhalositse gore go ikwadisa gangwefela go tlaa fokotsa bogodu jo bo nnang teng ka nako ya ikwadiso ditlhopho.
Le fa go ntse jalo, ba kopile ba lekgotla le le tsamaisang ditlhopho go sekaseka go oketsa sebaka sa ikwadiso, ba kopa gore go atolosiwe go tswa mo dikgweding tse tharo go ya kwa go tse nne.
Maloko a ne a kopa ba lekgotla leo go akaretsa mapolotiki le ba ba nang le seabe mo dithutong tsa go nna jaana.
Ba supa gore dipalo tse di kwa tlase tse di supiwang gore Batswana ga ba na kgatlhego mo tlhophong di dirwa ke boitshwaro jo bo sa nnang sentle jwa bone.
Ba tsweletse ka go re Batswana ke batho ba ba ratang puso ya batho ka batho e bile ba rata go itlhophela baemedi, mme seo se fokotsegile ka jaana mapolotiki a sa itshware sentle.
Ka jalo, ba kopa ba lekgotla leo go akaretsa mapolotiki gore ba ikutlwele se batlhophi ba se batlang ebile ba se solofela mo go bone.
Ba tsweletse ka go re mapolotiki le ope fela yo o ikopelang tlhopho, ba tla kwa batlhophing ka maitseo mme e re morago ga go tlhophiwa ba ba tlhanogele.
Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho mo Lobatse, Mme Mavis Mukungu o ne a tlhalosa gore thuto-puisano e e botlhokwa ka jaana ba lemoga seabe sa bongaka mo ditlhophong.
O ne a tlhalosa gore dithuto tse di ntseng jaana di direlwa go netefatsa gore le bone ba nne le kitso ka ditlhopho.
Mme Mukungu o ne a ba rotloetsa go tsaya karolo mo ditlhophong, a re ba tshwanetse go ikwadisetsa ditlhopho le bone ba itlhophele moemedi wa bone.
Mme Mukungu o ne a tswelela a ba tlhalosetsa gore tlhopho ya bone e le Batswana e rurifatsa puso ya batho ka batho.
A re puso ya batho ka batho e botlhokwa ka jaana e sireletsa ditshwanelo le dikeletso tsa batho.
Maikalelo a thuto-puisano e, e ne e le go gakolola le go abelana le ba bongaka jwa setso ka seabe sa bone mo ditlhophong le go abelana le bone ka diphetogo tse di leng teng.
Dingwe tsa diphetogo di akaretsa tiriso ya motshine wa maranyane le koketsego ya dituelo tsa baemedi ba bopalamente le bokhanselara ba ba ikopelang go emela ditlhopho ga mmogo le ikwadiso gangwefela ya ditlhopho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : LOBATSE
Event : Thuto Puisano
Date : 29 Aug 2017






