Breaking News

Ba Mmaphashalala ba kopa dikhamphani go ba thapa

28 Aug 2017

 Banni ba Mmaphashalala ba kopile gore go bidiwe diphuthego fa dikhamphani di tla mo kgaolong ya bone ba go kopa babereki. 

Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso bosheng. 

Ba re go na le dikompone dingwe tse di tsileng mo kgaolong ya bone mme ga di ise di tle kwa go bone go kopa babereki. 

Kgosi Kemmapatse Bagatiseng o ne a tlhalosa fa seemo se sa itumedise, ka bone fela fa ba utlwa go twe khamphani e tla mo kgaolong ba a itumela ka gore bana ba bone ba tsile go bona ditiro. 

Kgosi Bagatiseng o boletse fa selo se se sa ba jese diwelang, a tlatsa ka go re mo bogompienong go tsile khamphani go dira tsela ya Dibete/Machaneng mme ga ba ise ba tle kwa go bone ntswa ba setse ba thibeletse kwa Mookane. 

Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa gore ba itumelela ditlhabololo tse di dirwang ke puso mo kgaolong ya bone ga mmogo le motse wa bone, bogolo jang ditirelo tse di tsileng ka lenaneo la ESP. 

A re ba itumelela gore jaanong ba akola metsi le motlakase fela jaaka kwa metseng e mengwe, mme mo bo gaufing ba tlaa bo ba akola tsela ya sekontiri e e tlogang e simologa. 

E rile a ntsha pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Ofentse Sekgwathe, a leboga puso go bo e ba eme nokeng e bile motse wa bone o tlhabologa. 

Mme Sekgwathe o boletse fa ba itumelela gore jaanong babereki ba Ipelegeng ga ba sa tlhole ba kgaola ditlhare fela mme ba phepafatsa le mo maphateng a puso mo motseng . 

O ne a tlhalosa fa ba itumelela go okelediwa ga babereki ba Ipelegeng go tswa kwa go masome a matlhano go ya kwa go masome a matlhano le botlhano. 

O ne a tlhalosa gape gore e le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse le bone ba eme ka dinao go bona gore ba ka ipelega jang, mme ba seka ba ikaega fela ka puso. 

Mme Sekgwathe a re ba simolotse go foroma ditena ka jalo ba kopa banni ga mmogo le maphata a puso go ba etleetsa gore ba kgone go godisa kgwebo ya bone. 

E rile a ba baya lefoko, Mme Tshireletso a ba akgolela gore ba bo ba batlile methale e mengwe ya go ka dira madi go tlhabolola motse wa bone. 

A re puso e rotloetsa mowa wa boipelego mme o ne a kopa khansele-potlana ya Mahalapye go bona gore e thusa ba Mmaphashalala ka methale le dikitso tse di tseneletseng go godisa kgwebo ya bone le gore ba ntshe ditena tsa motia tse ka tsone di ka ba tsisetsang bareki ba le bantsi. 

Mme Tshireletso o ne gape a tlhalosetsa banni fa a tlaa kopa khamphani ya tsela go tsamaya le metse ya bone go thapa banni ka gore se se ka ba thusa fela thata, a tlatsa ka gore ba seka ba fela pelo ka kompone ke gone e thibelelang. 

A re tsela e e tsile go tsisa dilo tse dintsi tse dintle, tse di akaraetsang go thamiwa ga dikgwebo kwa ntle hela ga gore tsela e tsile go fokotsa mosuke mo tseleng ya A1 ka jaana go tlaa bo go nna motlhofo go ya kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno. 

O ne a tlhalosa gore tsela e, e e dirwang ka lenaneo la ESP, ke ya dikhilomithara dile lekgolo le masome a mararo le bobedi ka jalo ba e itumeletse fela thata. 

Mme Tshireletso o ne a tlhalosetsa banni ka megopolo e e dumelanweng kwa palamenteng e e sa tswang go wela, e tshwana le ya paakanyo ya molao o o amang banyalani fa go tla mo thekisong ya lefatshe. 

A re go dumalanwe gore molao jaanong o tlame gore banyalani botlhe ka bobedi ba ntshe bosupi jo bo papametseng gore botlhe ba dumelana le thekiso. 

Mo go tse dingwe, mopalamente o ne akgolela banni go bo ba amogetse madi a P10 million ka bongwe fela ba pelo mme ba dumelana ka tse ba batlang go di dira go sena mathata ape. 

Le fa go ntse jalo, o ne a ba kopa go simolola go akanya ka tse dingwe ditlhabololo tsa sennela ruri tse di nang le bokamoso ka gore ngwaga o o tlang ka Tlhakole madi ao a tsile go tla gape. 

O ba kopile go akanyetsa madi ao gore ba tlhokana le eng se se ka ba sologelang molemo se tshwana le dipone tsa mo mekgwatheng le tse dingwe tse di ka nnang le sekao mo motseng le mo setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MMAPHASHALALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Aug 2017