Breaking News

Tshwaragano e botlhokwa - Balopi

28 Aug 2017

Lebutswapele la phathi e e busang ya Botswana Democratic Party (BDP), Rre Patrick Balopi o rotloeditse maloko a phathi eo go tlotla mowa wa tshwaragano gareng ga bone le mafatshe a a mabapi ka seo se ka ba thusa go ka fenya mathata.

O buile jaana kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano le botlhano BDP e le mo pusong kwa Serowe ka Matlhatso.

A re tiro eo ke go tla go bogela le go batla basupi ka se phathi e se kgonneng mo dingwageng tseo.

Rre Balopi a re go gontle go bona ba le kwa Serowe morago ga dingwaga tse di masome matlhano le botlhano ka motse oo e le lorako la phathi, ka boeteledipele jwa yone bo thaetswe teng ke moeteledipele wa yone, Sir Seretse Khama yo o sa tlholeng a le mo botshelong e ne e le ngwana wa Serowe.

A re BDP e tsere lefatshe le go tswa ka nako ya e le Bechuanaland jaanong e leng Botswana, lefatshe la kagiso le ditlhabololo.

O tlhalositse fa go ne go se motlhofo fa ba tsaya boipuso ka jaaka kgaolo eno e ne e le mo dintweng jaaka mo mafatsheng a a mabapi jaaka Afrika Borwa, Zambia, Namibia, Zimbabwe, Mozambique, ka jalo Botswana a ne a le fa gare, marumo a fofa kwa godimo ga Botswana.

Rre Balopi a re mme maDomkgrag ba ne ba seka ba tshabela bana ba gabone, ba lwa ntwa le bone, seo e le go supa botsalano.

A re fa ba tsaya boipuso batho ba le bantsi ba ne ba ba hakgamalela ba lebile lehuma le Batswana ba neng ba le mo go lone.

A re bontsi bo ne bo dumela gore Botswana o ka seke a kgone ntleng ga thuso ya ga Mmamosadinyana mme ka tsholofelo e ba neng ba na le yone ba seka ba ineela.

Rre Balopi a re go nna teng ga bana ba Afrika Borwa kwa moletlong oo, ke sesupo sa botsalano jwa bone.
A re letsatsi leo, ke letsatsi la go ikakgola.

A re mafatshe a SADC ba ka kgona go le gontsi fa ba ka tswelela ba tshwaragane le go tshidisana.

 Mo go la gagwe, Mothusa Tautona, Rre Mokgweetsi Masisi a re ba motlotlo gore bakaulengwe ba bone go tswa ANC a bo ba ba tsile.

A re lefatshe leno le tletse kagiso mme e bile ba tlaa tswelela ba ba sireletsa jaaka mo dingwageng tse di fetileng. “Gompieno le mo gae, mme legae le le leng mo go lone le dirilwe ke phathi e,” Rre Masisi a supa.

Rre Masisi o ne a kgothatsa maloko gore ba itumele, mme ba ipaakanyetsa go tsena mo phadisanyong e nngwe ya go busa ka ditlhopho go ya go ileng.
“Ke a le kopa, a re tshwaraganeng,” Mothusa Tautona a kopa. Fa a amogela baeng, motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng

Kgamane o ne a re go a itumedisa go bona boipelo jwa dingwaga tse, ka kagiso le thokgamo ga di tle motlhofo.

A re lefatshe leno le segofaditswe ka babusi ba ba ratang kagiso, ke ka jalo Botswana a tletseng kagiso, selo se a reng ba se ka ba se tsaya motlhofo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lucretia Chima

Location : SEROWE

Event : Ipelelo Dingwaga - BDP

Date : 28 Aug 2017