Breaking News

Go nyafala ga mananeo bo ka kgoba marapo - Seretse

28 Aug 2017

Mopalamenete wa Kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse a re go fefogela go thusa ka mananeo ke bodiredi go ka tsisa tsholofelo mo baikopeding.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Mogonono bosheng, Mopalamenete Seretse a supa fa go nna maoto a tshupa go ka tsala boitlhobogo le go kgoba marapo ba ba nyoretsweng thuso.

Mopalamenete Seretse, yo e bileng e le tona wa peeletso papadi le madirelo a re bodiredi bo tlhoka go tsholetsa dinao mo go diragadiweng ga mananeo

ka jaana a ka tokafatsa itsholelo ya morafe go lwantsha lehuma.
Rre Seretse o file batho ba mogonono tshologfelo ya kgokelo ya motlakase kwa dikagong tsa puso tse di mo motseng fela a supa fa go anamisiwa ga mafaratlhatlha a motlakase go santse go saletse morago.

O gateletse botlhokwa jwa  go diragadiwa ga lenano la ba-na-le bogole go fokotsa tiego ya go kanoka a re go emela go dira mogoro go ka se kgonege ka dinako tsotlhe.

Rre Seretse o ne a tsibogela karabo ya mogolwane wa ba boipelego, Mme Botho Mbwe gore tiego ya go sekaseka ba-na-le bogole e ketefadiwa ke gore maphata a a amegang a bo a sa kgona go nna teng ka dinako tsotlhe go fefosa thulaganyo ya tshekatsheko.
Mothusa mokwaledi wa khanasele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Douglas Sesimanyana, a re ba tshwere ka natla go tlhomamisa gore ga go na dikopo dipe tsa LIMID tse di salelang morago, a supa fa mo nakong eno ba weditse dikopo di le 159 tse mo go tsone go atlegileng di le 148.

Rre Sesimanyana a re e re ka jaana go ntshiwa ga ditirelo go kgorelediwa thata ke tlhaelo ya dikoloi, ba dirile gotlhe mo ba ka go kgonang go tokafatsa  seemo ka go oketsa dipalo tsa dikoloi go leka go fefosa go ntshiwa ga ditirelo le go araba matshwenyego a morafe.

Mogolwane wa lephata la ofisi ya banana kwa kgaolong ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Moeti Godisamang, a re ba bapotse phage ka mangana go tlhomamisa go wediwa ga dikgang tse di saletseng morago tsa baikopedi ba lenaneo la banana.

Rre Godisamang a re go kgaolo ya Mogonono ga e a lebalesega ka gope ka jaana ba sena dikopo tsa yone ntle le gore gongwe di bo di le kwa kgaolong ya Letlhakeng e e neng e ntse e thusa Mogonono.

Rre Tirelo Ramoroka yo e leng monni wa motse, o ne a supa gore kgaolo ga e bone dithuso tsa mananeo ka selelo sa bodiredi gangwe le gape e nna tlhaelo ya dikoloi e go senang karabo ya gore e tlaa rarabololwa leng.

Kgosi wa Mogonono, Mme Goitseone Sekgwa o supile matshwenyego  ka go diega ga dipeo tsa ditsha tse a supileng di sale di dirwa mo kgaolong eo labofelo ka 2012, selo se a reng se kgoreletsang thata go tlhabologa ga kgaolo.

Mokhanslelara Kolana Kolana a re tiego ya dipeo tsa ditsha mo kgaolong e kgorelediwa ke gore ba kabo ditsha ba supile fa molao o o fetotsweng wa kabo ditsha o tlhoka gore go bo go dirilwe moalo pele ga tlhabololo epe ya lefatshe e ka dirwa.

A re o tshwenngwa ke gore tiego gape e dirwa ke go wediwa ga dikgang tsa go tsewa ga masimo ke ba kabo ditsha, a re go beile batho ba kgaolo ka fa mosing ka go ba rontsha go akola mananeo a go tlhabolola matshelo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOGONONO

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 28 Aug 2017