Breaking News

Dirisang ISPAAD go ntsha dijo tse di lekaneng - Badubi

28 Aug 2017

Mogolwane wa ditlhotlhomiso le dipatlisiso mo lephateng la temo-thuo mo Mahalapye, Rre Slumber Badubi, a re go mo maruding a Batswana go dirisa lenaneo la ISPAAD go ntsha dijo tse di ka jesang tshaba ya lefatshe leno.

Rre Badubi o boletse mo dithuto-puisanong tse di neng di tsenwe ke balemi-barui ba meraka le masimo a Mogolori, Thuparobega, Letlhakane le Mmalegare bosheng gore le ntswa mmuso o ikemiseditse go thusa balemi ka ISPAAD go inaakanya le temo ya segompieno ya go lema ka ditselana le go dirisa menontshane go nonotsha dijwalo, o swabisiwa ke go bona batho bangwe ba santse ba goga dinao go dirisa lenaneo leo.

A re le ntswa temo-thuo e le konokono ya botshelo jwa Motswana, o swabisiwa ke batho ba e reng puso e sena go dirisa madi a setshaba go ba lemela ba phuaganye masimo go ya go batla mmereko mo Ipelegeng le ntswa lenaneo leo e le la nakwana.

Rre Badubi o rile fa Batswana ba ka ikemisetsa go dirisa metlhala ya segompieno ya go lema ka ditselana le go dirisa menontshane, lefatshe leno le ka kgona go ntsha dijo tse di lekaneng e bile a bolela fa seo se ka thusa mmuso go emisa go dirisa madi a mantsi go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe.

O rotloeditse balemi-barui go emisa mokgwa wa go tsenya dikgomo mo masimo ka maikaelelo a go jesa lotlhaka ka jaana go dira jalo e le go senya boleng jwa masimo ka jaana medi ya lotlhaka e thusa mo go kgoreletseng mmu go gogolwa ke metsi.

E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Palla-road, Mme Segametsi Mangope a simolodisa dithutopuisano tseo semmuso, a kopa balemi go ipopa ditlhopha tse ka tsone ba ka kgonang go kopa dithuso mo mmusong.

A re go ngomola pelo go bona batho ba phuaaganya masimo go ya go batla tiro mo Ipelegeng ntswa puso e dirisitse madimadi go ba lemela masimo a a ka ba ntshang mo lehumeng.

Mme Segametsi o rotloeditse balemi-barui go isa mebu ya masimo kwa lephateng la temo-thuo go ya go tlhatlhojwa go bona gore a e santse e na le boleng.

Mo dithuto puisanong tseo, tse di neng ditshwaretswe kwa Mogolori, barui ba ne ba ngongorega ka bolwetse jwa mabele jo ba tlhalositseng fa bo kgoreletsa dikgomo tsa bone go rekwa ka ditlhwatlhwa tse di nametsang kwa BMC.

Ba re e le balemi-barui ba tshwanetse go aga matlwana a boitiketso kwa merakeng le masimo go leka go thibela bolwetse jwa mabele ka jaana bo koafatsa boleng jwa loruo.

Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui, Rre Phang Gaorengwe o boletse fa maikaelelo a dithuto tseo e ne e le go abelana megopolo le go ruta balemi-barui ka tiriso ya di-tswa temong jaaka lotlhaka, marotse le moroko tse di ka dirisiwang go jesa loruo ka dipaka tsa leuba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Thutopuisano

Date : 28 Aug 2017