Basha ba anya thuto
27 Aug 2017
Bagolo ba maloba ba ne ba rata ngwao e bile ba tlhomamisa gore e a somarelwa ka jaana e ne e le yone pinagare ya botshelo.
Ba ne ba itse fa ngwao e na le bokao ga mmogo le meila le maele ka jaana e ne e re fa sengwe se se sa tlwaelesegang se diragala, ba bo ba itse gore se ka tswa se bakwa ke eng le gone gore seemo se ka rarabololwa jang. Mongwe wa bagolo mo Goo-Tawana, Mme Tuduetso Segosebe o ne a seka a ipona tsapa go tlhatlhelela banana bangwe ba ba neng ba kgobokantswe ke ba mokgatlho wa Thari-E-Ntsho Story Tellers o o itebagantseng le go ruta banana ka tsa ngwao, boitshwaro le one maele a ba ka a dirisang go inosa metsi.
O ne a ba tlhatlhelela ka se a fitlhetseng se dirwa ke mabutswapelo bogolo jang ka nako tse dithata fa pula e ile lojwa. Mme Segosebe a re e ne e re fa pula e sa ne jaaka go solofetswe, bagolo ba bolele fa nkgodi a tsaletse mo setlhareng sa Mogotlho golo gongwe mme ba leke ka bojotlhe go batla setlhare seo.
A re setlhare seo fa se bonwe, se ne se rengwa se bo se tshujwa mme bomme ba BaTawana ba gelele metsi ka dinkgo ba tlhomagane go ya go tima molelo oo. Fa ba dira jalo, o boletse fa ba ne ba opela dikoma jaaka e e reng Morekwa wa Pua wee ba bitsa maina a dikgosi tsotlhe tsa pele jaaka boKgosi Letsholathebe.
A re bomme ba ne ba etelelwa pele ke ba ba nyetsweng, a tlatsa ka go re fa ba ya go tima molelo jalo ga ba a tshwanela go gadima kwa morago go fitlhelela ba goroga kwa molelong le fa ba boela gae. Mme Segosebe a re e ne e re morago pula e ne ka masubelele mme go nne boitumelo le kgora.
O boletse gape fa ngwaga mongwe kgaolo e ne ya aparelwa ke leuba, mme botsadi bo ne jwa etela kwa dipupung tsa dikgosi go ya go kopa pula mme ya tshologa. A re seo ke sesupo sa gore ba-tla pele ba ne ba dumela mo ngwaong ba tshegetsa le meila ka jaana ba ne ba tlhaloganya botlhokwa jwa yone.
Mosimolodi wa mokgatlho wa Thari-E-Ntsho, Mme Bontekane Botumile o ne a supa fa ba bereka thata le banana, a tlhalosa fa maikaelelo e le go ba ruta ngwao. Ends
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Dithuto se ka dipuisanyo
Date : 27 Aug 2017






