Breaking News

Kgosi o kopa morafe go dirisanya sentle le beng ba dikonteraka

27 Aug 2017

Kgosi wa Kang, Mme Basadi Seipone o kopile morafe go dirisanya sentle le boradikonteraka ba ba agang ditsela tsa mebila ya motse.

Kgosi Seipone o ntshitse kopo eo mo potsolotsong le BOPA bosheng kwa Kang.

A re tirisanyo mmogo e e siameng e ka hema dikgogakgogano.

O kopile morafe go obamela matshwao a ditsela tse di tlaa bong di agwa, go hema dikotsi tse di ka felelelang di baka dintsho.

O ne a kopa morafe go hirisetsa boradikonteraka matlo, mo godimo ga moo ba ba tseye jaaka bana ba bone.

“Ke gone mo go ka re kayang fa re le tshaba e e botho e bile e le lorato, selo se se saleng se itshupa ka nako ya lenaneo la Tirelo Setshaba ya maloba,” ga bua jalo Kgosi Seipone.

Le fa go ntse jalo, o ne a lebogela ba ba neng ba amilwe ke khudugo ya malwapa go araba kopo ya khansele le go dumalana ka madi a phimolo keledi.

A re go dumalana le khansele ka bongwefela jwa pelo ke gone mo go dirileng gore kago ya ditsela e simolole ka nako go sena makgwere ape.

Kgosi o ne a ntsha tsiboso go bo radikonteraka le banni gore ba ikgaphe mo go tsotlhe tse ba ka iphitlhelang di ba digetse ka lemena jaaka nnotagi e e feteleteng le malwetse a tlhakanelo dikobo, segolo bogolo mogare wa segajaja.

Fa a ntsha lefoko la kgothatso go bagwebi ba ba botlana, o ne a kaya fa sebaka e le sa bone sa gore ba iteke ba dire dipoelo tse di botoka gore ba tle ba kgone go tshetsa ba malwapa a bone le go tlhabolola motse. Ends

Source : BOPA

Author : Michael Matebele

Location : Kang

Event : Potsolotso

Date : 27 Aug 2017