Breaking News

Banana ba a ipelega

27 Aug 2017

Mongwe wa banana ba Motlaagana wa Banana Society kwa Serowe, Rre Tshenolo Kgaoganang o rotloeditse banana ka ene go ititaya ka thupana go tlhama ditiro go na le go solofela go thapiwa ka seo se tsaya lobaka go diragala.

O buile jaana ka Labobedi kwa pulo semmuso ya ithutuntsho le tlhatlhobo ya go roka e e tshwaraganetsweng ke ba Motlaagana le Madirelo Testing Centre kwa Serowe. Ithutuntsho e, e tlaa tsaya dibeke tse pedi.

Monana yo, yo e leng sealogane sa ditshwantsho tsa motshikhinyego kwa mmadikole wa Limkokwing a re ntateng ya letlhoko la ditiro, o bone go tshwanela go inaakanya le go roka go itshetsa.
Rre Kgaoganang o rotloeditse banana go ipulela dikgwebo ka go bona mmereko go se motlhofo.

“Fa re ka ikaelela go batla tiro, ga se botlhe ba re tlaa e bonang.

Le gakologelwe gore bangwe ba ba feditseng dikole ba santse ba batla tiro.
Lebaka le o le tsayang o batla tiro, o felela o latlhegelwa ke kitso e o e amuleng kwa sekoleng.”

O gakolotse banana gore ba ikanye go tsena mo madirelong a ba bangwe go oketsa thuto e ba nang le yone gore fa ba simolola dikgwebo ba bo ba nonofile.

“A re kgobokanyeng sepe se re ka se selang go bona gore re fitlhelela ditoro tsa rona tsa go nna le madirelo a a ka fang baroki ba bangwe phadisano,” Rre Kgaoganang a rotloetsa.

Moeteledipele wa Motlaagana, Mme Rebecca Motswetla o ne a lebogela ba ba tsentseng letsogo go bona gore ba kgona ditoro tsa bone.

A re Madirelo Testing Centre e tswa kgakala e ba eme nokeng, selo se a reng se thusitse dialogane tsa bone.

Mme Motswetla a re ba simolotse mokgatlho o ka 2014, mme ba setse ba alositse banana ba le 40, bangwe ba bone ba setse ba bereka fa bangwe ba butse madirelo a go roka. A re ka bana ba bone ba tlhatlhojwa ke ba Madirelo, setlankana se ba se fiwang se buletse bangwe dikgoro kwa dikoleng tse dikgolwane.

O supile fa keletso ya bone e le go bona banana ba le bantsi ba sologelwa molemo ke dithuto tse.

“E re ntswa bana ba rona ba ne ba ntse ba tlhatlhojwa ke Madirelo, seo se a fetoga ngwaga o o tlang, bana ba rona ba tlaabo ba tlhatlhojwa ke ba Botswana Examination Council go ya ka Botswana Qualification Authority. Selo se se supang kgolo,” a kaya.

Mme Motswetla a re e ne ya re ka Hirikgong moepo wa Orapa, Letlhakane wa ba rekela dididrisiwa mme sebe sa phiri ke go tlhoka lefelo le ba ka rutelang banana go apaya borotho kwa go lone.

A re khansele e goga dinao go ba fa lefelo, mme ka bo bone ba ka seke ba kgone ka e le baithaopi.

Mme Motswetla a re le fa ba itebagantse le banana, lephata la banana ga le ise le supe seabe sa lone. A re go tshwaraganela Motlaagana go ka bulela banana dikgoro le go tlhama mebereko.

Mokhanselara wa Kgosing, Rre Lesego Raditanka o akgoletse banana mowa wa go ipelega.

O ba gakolotse gore ba seka ba se tsaya tiro ya go roka motlhofo,. A re o se a leng sone ka mmaagwe yo e neng e le moroki.

“Ditiro tsa diatla di botlhokwa, mme e bile di ka lo tshetsa fa lo di tsaya ka tlhoafalo.

Keletso ke go tsoga re bona lo apesa banyadi le ba bangwe,” Rre Raditanka a tlhalosa. Ends

Source : BOPA

Author : Lucretia Chima

Location : SEROWE

Event : Pulo semmuso ya ithutuntsho le tlhatlhobo ya go roka

Date : 27 Aug 2017