Seemo sa metsi se a nametsa kwa Boteti
25 Aug 2017
Modulasitilo wa khansele-potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe a re metse ya Rakops, Toromoja le Mmea e santse e tlhaelelwa ke metsi.
Rre Galeragwe o buile jaana bosheng fa a bula dipuisano tsa khansele-potlana ya Boteti mo Letlhakane.
A re le fa go ntse jalo seemo sa metsi ka kakaretso se a nametsa mo kgaolong ya Boteti.
O gateletse gore mo metseng e le lesome le bosupa e e mo kgaolwaneng ya Boteti, metse ya Rakops, Toromoja le Mmea ke yone fela e e thlaelelwang ke metsi.
Rre Galeragwe o tlhalosa gore ba Water Utilities Corporation ba tsweletse ka go tokafatsa seemo sa metsi mo kgaolong ya Boteti.
Modulasitilo a re go tlaa gokelwa didiba di le pedi le go atolosa phatlalatso ya metsi mo Letlhakane.
O supile gape gore kwa Rakops tiro ya go gokela diphaephe mo sedibeng se sesha e tsweletse mme e solofetswe go wela kgwedi ya Lwetse e le fa gare.
Rre Galeragwe o a re go agwa ga mafaratlhatlha a metsi a a bidiwang Boteti South and Central Cluster Villages Supply le gone go tsweletse.
A re tiro ya go gokela metsi mo metseng ya borwa le bogare jwa Boteti e tlaa dirwa morago ga go wetsa moalo le go ntshiwa ga pego e e supang gore trio eo e tlaa ama jang tikologo.
Le fa go ntse jalo, modulasitilo o kopile ba-na-le seabe go bereka mmogo ba tshwaragane le ntswa ba itemogela dikgwetlho gore ba kgone go ntsha maduo.
Modulasetilo o ba roltoeditse go bereka ka natla go tlhabolola kgaolo ya Boteti.
A re go dira jalo ba tlaa tokafatsa matshelo a tshaba e ba e direlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 25 Aug 2017






